Breaking News

Go ribolola talente go tlhoka tshwaragano

27 May 2024

Go ribolola talente go tswa kwa moding go tlhoka tshwaragano ya botlhe.

A, ke mafoko a a builweng ke modulasetilo wa mokgatlho wa Molepolole Early Childhood, Mme Kerapetse Sebolai, kwa moletlong wa mabelo a bana ba dikole tse dinnye (pre-school) o o neng o tshwaretswe kwa lebaleng la metshameko la Molepolole Sports Complex bosheng.

Mme Sebolai a re, go botlhokwa gore batsadi le barutabana ba tshwaraganele kgodiso ya ngwana ka go dira jalo go ka thusa go lemoga bokgoni jwa ngwana a sa le monnye. 

A re nako e gorogile go itsaya motlhala go gopola serodumo sa mabelo kwa dikoleng. Mme Sebolai a re fa bana ba ka rotloediwa go itse ditalante tsa bone ba sa le bannye, ba ka itshetsa mo isagong, mme seo se fokotse letlhoko la ditiro.

O lebogile dikole tsotlhe tse di nnileng le seabe mo tirong e, a supa fa e le tsela nngwe ya go neela bana sebaka sa go supa talente ya bone.

 “Ke leboga dikole tse lesome le boraro tse di tsereng karolo mo phadisanong ya mono ngwaga, ka ke itse fa se e le sesupo sa tshwaragano,” Mme Sebolai a tlhalosa.

Motsadi, Mme Bonno Matsake o kaile fa a itumeletse maikaelelo a tiro eo, ka e tlaa thusa go ribolola talente, go e nonotsha le go fa bana sebaka sa go lemoga fa metshameko e ka tshetsa. 

A re go dira jalo go ka tokafatsa ka fa bana ba akanyang ka teng le go itse fa ba ka dirisa ditalente tsa bone go itshetsa le go fetola matshelo a bone.

Motsadi yo mongwe, Mme Larona Kgatitswe e ne a re go dira moletlo wa mofuta o, ke tsela nngwe ya itshidilo maikutlo e e ka thusang bana go itse go bereka mmogo le ba bangwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Molepolole

Event : Moletlo

Date : 27 May 2024