Breaking News

Badiragatsi ba kopiwa go ikgapha mo nnotaging

27 May 2024

Mothusa kgosi ya GaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse, o kopile badiragatsi go ikgapha mo dinotaging ka di ka ba senyetsa bokamoso le talelnte.

 Kgosi Seretse o buile se fa a amogela ditlhopha tsa mmino wa setso kwa dikgaisanong, tse di neng di tshwaretswe kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng Hill kwa Serowe ka Matlhatso. 

Ditlhopha tsa mmino wa Phathisi, Setapa le Tsutsube go tswa kwa kgaolong ya legare (Central Region) di ne di iteisana borathana, go kgaoga mphaatshane e le go ipatlela photlha kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang, tse di tlaa tshwarwang ka letstasi la ga Tautona.

Kgosi Seretse o kgothaditse badiragatsi go itlhokomela ka go a dijo tse di siametseng mmele le gone go itshidilaa kgapetsakgapetsa. 

O kgothaditse banana go dirisa ditalente tsa bone go dira letseno, ba itlhamele mebereko le go hira ba bangwe ka ditiro di seyo.

Mogolwane kwa lephateng la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao kwa Serowe, Mme Motlatsi Madisa o kaile fa dikgaisano tseo e le go ribolola ditalente tsa Batswana, gore ba itshetse. Morotloetsi wa mmino wa setso go tswa kwa lekalaneng la National Arts Council, Rre Tshireletso Modikwa o supile fa ba rekisa badiragatsi gore le bone ba ye kwa makalenkaleng.

A re ba rotloetsa ba bo ba sireletsa le go ba bapatsa bodiragatsi a supa fa go na le mananeo mangwe a a thusang badiragatsi ka madi go ikgodisa bogolo jang fa ba itirile ditlhopha ba bo ba ikwadisa.

Rre Modikwa a re ba kwadise ditlhopha tsa bone semmuso gore ba akole dithuso mme a tlhalosa gore fa ba ikwadisitse ba na le melao metheo. 

A re go kgopanya ditlhopha go gaisana, ke go abelana megopolo le go thusana ka dikisto tse ba bangwe ba kgonneng ka teng.

Setlhopha sa Tlala tsa Kgale go tswa Selebi Phikwe se ne sa tsaya maemo a ntlha se latelwa ke sa Phate tsa Setso go tswa Mahalapye mo mminong wa phathisi. 

Mo kgaisanyong ya Tsutsube setlhopha sa Matsubetsube sa tsaya maemo a ntlha, se latelwa ke sa Diwetse mme sa boraro ya nna Moalo wa Setso. 

Setlhopha sa Makgasa sa itlhoma kwa pele mo mminong wa Setapa, se latelwa ke sa Tlharapa la Badisa. ka setlhogo se se reng: Tlhabololo ya Itsholelo ka Dikgwebo tsa Botaki le Bodiragatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Dikgaisano

Date : 27 May 2024