Bomme ba tlhoka thotloetso go tswa bogoging - Morwaeng
27 May 2024
Ofisi ya mopalamente wa Molepolole Borwa, e ne ya keteka letsatsi la bomme la Mother’s Day e le tsela nngwe ya go ipelela le go rotloetsa bomme ba ba tshwereng boikarabelo mo setshabeng.
Fa a bua kwa moletlong oo, o o neng o tshwaretswe kwa Molepolole ka Matlhatso, Mopalamente Rre Kabo Morwaeng o tlhalositse go re le ntswa go nnile thari go ipelela letsatsi leo, ene le ba ofisi ya gagwe ba bone go le maleba go tla go ipela le bomme.
A re maikaelelo ke go le keteka ngwaga le ngwaga. Rre Morwaeng a re ba tlamega go ema bomme nokeng e le boeteledipele go ba nonotsha le go ba tshegetsa ka mme e le pilara mo setshabeng.
A re e re ka Molepolole o setse o bidiwa ka maina a a farologaneng a a seng monate, o bone go le matshwanedi go tla go ipela le bomme ka a dumela gore ba supile fa ba na le bokgoni jwa go fetola diemo tsa malwapa, go ka nna motlhofo go fetola le wa la motse wa Molepolole.
“Motse wa rona o teilwe maina mme bomme ke bone ba ba ka fetolang seemo se ka gore ba kgona go fetola diemo tsa malwapa a bone,” Rre Morwaeng a tshwaela.
Mopalamente Morwaeng a re o tsere tshwetso le mohumagadi wa gagwe Mme Phondy Morwaeng go rotloetsa le go tsenya thuto mo go bomme bangwe ka ba dumela gore fa o rutile mme o mo file maatla le tsotlhe tse a di tlhokang, ka go dira jalo o a bo o agile setshaba.
O kgothaditse bomme go itshepha le go ikemela a tswelela ka go ba gakolola gore ba seka ba itlhoboga kana go inyatsa.
O ba rotloeditse go ikanya thapelo le go tsaya mananeo a a farologaneng a puso go itshetsa ka jaana bokamoso jwa bana bo le mo diatleng tsa bone.
Dibui ka go farologana di buile di sa kgwe mathe ka bonatla jwa motho wa mme. Dibui di ne gape tsa rotloetsa bomme ka dikgakololo tse di farologaneng.
Mohumagadi Mme Sarah Sechele o ne a itebaganya le boitshwaro jwa mme. A re mosadi o bonwa ka bontle le kapari ya gagwe le maitsholo a gagwe.
O rotloeditse bomme go ela tlhoko ka fa ba lebegang ka teng bogolo jang fa ba le mo ditirong e ka tswa e le tsa Setswana di tshwana manyalo, dintsho kgotsa merero.
A re mme o tshwanetse a ela tlhoko ka fa a aparang ka teng ka se se mo kaya e le motho yo o nang le boikarabelo.
O ne a gatelela botlhokwa jwa go tlamela lelwapa le tlhokomelo ya ga rre le bana kwa lwapeng ka go dira jalo e le gone go aga sechaba se se nang le boikarabelo.
Moitsanaape wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Sally Pillar ene o ne a tlhalosa fa moletlo oo, e le karolo nngwe ya go ikgothatsa, go itshwaya diphoso lego iphodisa. A re bomme ba tlhoka ikgothatso eo ka jaana a tlhalosa fa bomme e le diipone tsa loeto le ba ntseng ba le tsamaya mo botshelong.
A re go le gantsi bomme ba rwele mekgweleo mo magetleng e bile ba raletse diemo tse di botlhoko.
Ka jalo a tlhalosa fa go le botlhokwa gore go nne le pholo pele mo dipelong tsa bone gore ba kgone ba fitlhelele dilo dingwe mo botshelong.
“Fa o ise o fole, ga o na go nna le kgogedi mo bathong,” Mme Pillar a tshwaela jalo.
Mme Khumiso Tshepe o ne a ema bomme ka lefoko ka tsa semolao mme a ba kgothatsa mo dikgannyeng tse di amang malwapa jaaka tlhalo le dikgang tse di amang boswa.
O rotloeditse bomme go netefatsa gore ba dira mekwalo ya di Will fa ba sa le botshelong ka jaana dikgang tse di tsisa dikgotlhang mo malwapeng.
“A re itlwaetseng go itlhokomelela dithoto tsa rona, ga se go iphutsa mme ke go tlhokomela dilo tse le abong le sa bolo go di ikgobokanyetsa gore dikokomane di tle di di fitlhele,” Mme Tshepe a tlhalosa.
Bomme ba ne ba tlhatlhelelwa ka mananeo a puso a masha a tshwana Chema Chema, Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo.
Fa a tswa la gagwe morotloetsi mogolo wa moletlo oo, Mme Morwaeng, o tlhalositse fa e ne yare Rre Morwaeng a nna Mopalamente ka ngwaga wa 2019, a tsaa tshwetso ya go bereka le bogosi le bahumagadi ba bone le baruti le bahumagadi ba bone, a tlhalosa fa palo ya bone e ka tshwara makgolo a le mabedi.
A re maikaelelo a letsatsi leo ke gore bomme ba ba mo boeteledipeleng ba kgothatse bomme ba bangwe.
Ka jalo le ene o iteetse kobo moroko mafoko a dibui tse dingwe a supa fa mme a na le maatla e bile a kgona go dira dikgakgamatso.
A re mme o tshegeditse rre ke ka moo ba sa tshwanelwang ke go itlhabelwa ke ditlhong.
O ba rotloeditse gape go dirisa dineo tsa bone tse ba difilweng ke Modimo. “A re faneng lerato re age motse wa rona,” a rotloetsa jalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Moletlo wa bomme
Date : 27 May 2024