Puso e tsibogela dilelo tsa masole
26 May 2024
Puso e tlaa tswelela e sekaseka ka fa e ka tlhokomelang masole a pele ka teng.
Nngwe ya tse puso e di dirileng e le legato la ntlha la go araba dilelo tsa masole a pele ke go batla P1.5 billion go rulaganya dikatso tsa go tlogela tiro ka bogodi tsa masole a pele ka bontsi jwa bone ba bone dikatso tse di kwa tlase ka nako ya fa ba tlogela tiro ntswa ba diretse lefatshe leno ka bopelotelele le botswapelo.
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhalositse jaana fa a ne a lekodisana le masole a pele kwa Paje ka Labone, a gatelela gore jaaka moeteledipele wa sesole sa Botswana o lemoga tiro e tona e e dirilweng ke masole a pele mme o tlaa ema ka dinao go bona gore a bona tlhokomelo.
Le fa puso e kgonne go bona madi go duela masole a pele, a re o kopa maitswarelo mo boemong jwa puso le Batswana go bo go nnile le phoso e e diragetseng ka dikatso tsa masole a pele, phoso e e dirileng gore masole a bone dikatso tse di kwa tlase thata fa ba lekanngwa le bodiredi jo bongwe jwa puso.
Le fa puso e eletsa go araba dilelo tsa masole a pele ka go farologana, Tautona Dr Masisi a re ga a kake a kgona go araba dilelo tsa bone nako e le nngwe ntateng ya itsholelo.
A re theko ya diteemane tse lefatshe leno le ikaegileng ka tsone, e ile kwa tlase ntateng ya diteemane tsa maitirelo tse di tsweletseng ka go isa theko ya teemane ya mmantota kwa tlase.
Mo godimo ga moo, a re lefatshe leno le santse le rerisana le ba ba maleba go oketsa seabe se lefatshe le le se ungwelwang mo thekisong ya diteemane, ka jalo fa dilo di ka tsamaya sentle, puso e tlaa kgona go araba dilelo tsa masole a pele ga mmogo le dikgwetlho tse dingwe tse lefatshe leno le leng mo go tsone.
Le fa go ntse jalo, a re nngwe kgang e puso e yang go nna fa fatshe go e sekaseka ke go fa masole a pele bongaka jo bo faphegileng ka gore bangwe ba ne ba golafalela mo tirong jaanong ba tlhoka kalafi e e tseneletseng.
A re masole a pele a ne a raletse dikgwetlho tse dintsi mme a tsweletse ka go bereka ka bopelotelele go bona gore Batswana ba tswelela ba akola kagiso le ledula tse lefatshe leno le itsegeng ka tsone.
Tautona o ne a kgalema a re ga a eletse go bona masole a pele a nna le dikubetsano jaaka go ntse.
A re le fa ba ka tswa ba tlogetse tiro e ntse ke masole e bile ba laolwa ke molao wa sesole o gantsi o gatelelang thata mo boitshwarong.
Tona wa Itshireletso le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi le ene o ne a latlhela la gagwe, a tlhalosa fa a ikemiseditse go bona gore masole ka kakaretso a tlhokomelwa sentle a thusana le lekgotla la itshireletso.
A re le fa masole a pele a dirile mekgatlho e e farologaneng, o ya go bereka le one sentle ka tekatekanyo go sena mokgatlho o o tseelwang kwa godimo go feta e mengwe.
Tona wa tsa Madi e bile e le leloko la lekgotla la itshireletso, Mme Peggy Serame a re madi a a bonweng go duela masole a pele a setse a isitswe kwa letloleng la madi a bagodi a badirelapuso la BPOPF gore ba kgone go duela ba ba amegang.
A re masole a le 10 000 a tla bona dikatso tsa one monongwaga, a tlhalosa fa go tlaa tsaya nakonyana gore madi a a duelwe ka gore go santse go sekasekwa dipampiri tsa phiro tsa masole ao ga mmogo le go batla ba malwapa a masole a a tlhokafetseng.
Masole a ne a tsenelela khupelekhupele go ikgapela dipoo tsa Brahman tse pedi le mekoro e e jelang leruo mme Rt. Corporal Atanang Mojuta le Rt. Warrant Officer Class 1 Oikanne Boepetswe ba ikgapela dimpho tse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PAJE
Event : Phuthego
Date : 26 May 2024