Puso e lemoga seabe sa Dikgosi
25 May 2024
Puso e tsweletse ka go tlotlomatsa le go lemoga seabe sa dikgosi lefatshe ka bophara.
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla o tlhalositse fa kago ya maobo a selebego se se kwa godimo kwa dikgotleng le gone go tokafatsa diofisi tse Dikgosi di thusetsang morafe mo go tsone ele maiteko a tse puso e se dirang.
Mme Monnakgotla o tlhalositse jalo kwa pulong semmuso ya leobo la kgotla kwa Tsetsebjwe bosheng.
A re leobo leo, le simolotse go agiwa ka ngwaga wa 2017 mme la wela ka ngwaga wa 2020 ka kgwedi ya Phatwe.
O tlhalositse fa bolwetse jwa COVID-19 bo bakile tiego ya go wetsa kago ya leobo le, ka puso e ne ya tlamega go dirisa bokete jwa madi a ditlhabololo mo lephateng la botsogo go reka melemo le tse dingwe tse di neng di tlhokwa go somarela matshelo.
O lebogetse boeteledipele le morafe wa motse go nna pelotelele le go tlhaloganya mabaka a a diileng go wediwa ga kago ya lone.
Mme Monnakgotla o tlhalositse fa puso e lemoga seabe sa dikgosi mo go bopeng lefatshe, ke ka moo ba tsweletseng go ba direla mafelo a ba thusetsang morafe mo go one ba sireletsegile e bile ba na le seriti.
A re kgotla ke kwa go amogelelwang baeng teng fa ba etetse motse e bile e le pinagare ya kwa morero o direlwang teng. Ka jalo, are lephata la gagwe le itlama go tlhomamisa gore dikgotla tsotlhe e nna tsa selebego se se siameng.
Mme Monnakgotla o lebogetse komiti ya ditlhabololo tsa motse go nna le seabe mo dikgatong tsotlhe tsa kago ya leobo, a tlhalosa gore go le gantsi fa batho ba dira bale setlhopha go nna le go tlhoka kutlwisisano.
O ne a leboga mopalamente wa Bobonong, Rre Taolo Lucas, mokhanselara wa motse, le bodiredi jwa puso, a re ba ne ba tshwaraganye go tlhomamisa gore madi a dirisiwa ka tshwanelo.
E rile a tswa la gagwe, Modulasetilo wa khansele ya Bobirwa Rre Kgomotso Mmereki a dira kopo ya gore madi a a ntshiwang go thusa go fefosa ditiro tsa ditlhabololo ka lenaneo la Constituency Community Projects a sekasekelwe go okediwa go lepalepana le tlhaelo e e kwa godimo ya ditlhabololo. Are se, se ka thusa go atumetsa ditirelo tsa botlhokwa kwa motseng.
Rre Mmereki a re madi a CCP a thusitse go atolosa kanamiso ya metsi mo motseng, katoloso ya kamore e e tlhatlhobelang balwetse kwa kokelong, dipone tse di thusang go fokotsa lefifi mo motseng le go tlhabolola boleng jwa tsela e e tswang kwa kokelong e ya mabitleng ka moalo wa ditena.
Rre Mmereki a re le fa khansele ya Bobirwa e santse e aperwe ke letlhoko la madi ba tla tswelela ba thusana le morafe wa Tsetsebjwe go bona gore tsotlhe tse di tlhokwang di nna teng gore tiro ya puso e kgone go tswelela.
Mothusa kgosi wa Tsetsebjwe, Rre Peter Phole, a re o leboga puso fa e santse e lemoga seabe sa dikgosi mo tlhabololong ya lefatshe.
Kgosi Phole are dikgosi di na le seabe se se tona sa go kopanya le go bopaganya morafe ka jalo ba tshwanetse go tlotlwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : TSETSEJWE
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 25 May 2024