Breaking News

Ba Artesia ba lebogetse kgokelo ya metsi

23 May 2024

Banni ba Artesia mo kgaolong ya Kgatleng ba lebogetse maiteko a a dirilweng ke puso go tlisa metsi mo motseng wa bone.

Ba buile se mo phuthegong e e neng e biditswe ke ba Water Utilities Corporation (WUC) go ba rolela pego ya ka kgokelelo ya metsi ya North South Carrier 2.2 (NSC 2.2) .

Ba re motse wa Artesia o ne o amilwe thata ke letlhoko la metsi segolo bogolo ka nako ya segajaja sa COVID-19, se neng sa ama botsogo jwa bone fela thata.

Ba tsweletse ka go supa fa ba itumetse gore puso e tsere matsapa a go ba akaretsa mo  metseng e e tlaa akolang metsi le ditlhabololo tse di tlaa tlisiwang ke tiro ya NSC 2.2 e e fetang ka motse wa bone.

Mo go tse dingwe, banni ba ne ba dumalana gore khamphani ya WUC e ba direle di mithara tse ba ka kgonang go duela ba sa patelesege go tsamaya sekgala se seleele sa go ya go dira dituelo kwa Mochudi.

Ba kopile WUC go tsiboga fa ba ba begelela ka metsi a a dutlang mo motseng go fokotsa tshenyego ya one le go hema dikotsi tse di ka tlhagogang ntateng ya tiragalo eo.

Fa a tswa la gagwe, WUC Sub-Cluster Supervisor, Rre Tom Kutlapye o ne a supa fa maitlamo a tiro ya NSC 2.2 ele go netefatsa fa Motswana mongwe le mongwe a sielwa metsi a a phepa.

A re tiro e e ne ya kgopakgopediwa ke bolwetse jwa COVID-19 mme ya felela e dirwa ka ngwaga wa 2022, a supa fa jaanong ele mo legatong la bofelo gore e bo e rolwa semmuso.

Rre Kutlapye o tlhalositse fa tiro e ya kgokelelo ya metsi e ne e le mo magatong a le mararo, la ntlha ele la kgokelelo ya metsi go tswa Palapye go ya Mahalapye, la bobedi ele la go a tsaya go tswa Mahalapye go a isa Masama ebe jaanong a tswewa go tswa Masama go ya Mmamashia kwa a tlaa bong a phatlaladiwa le dikgaolo tse dingwe.

O gakolotse banni go duela metsi go itsa go iphitlhela ba gotlha-gotlhana le molao.

A re ba tlaa netefatsa gore ba simolodise dituelo tsa metsi tse di dirwang mo mabentleleng go ba kgaolela mosepele. Rre Kutlapye o rotloeditse banni gore ba dirise maranyane a segompieno go dira dituelo.

O tsweletse a kopa banni go bega ka metswedi ya metsi e e bonalang mo motseng, a kaya fa ba dira ka bojotlhe go araba dikopo tsa Batswana lefatshe ka bophara

Mokhanselara wa Artesia Rre Tshepo Ruele o lebogetse go bo puso e tsibogetse letlhoko la bone la metsi ka ele ntlha nngwe e e akolwang ke batlhophi.

A re letlhoko la metsi kwa matlong a boithomelo kwa sekoleng se segolwane sa Artesia go ne ga ama dithuto.

O lebogetse banni tirisano-mmogo le le rakonteraka e sale tiro e simolola mo motseng wa bone.

Go agilwe mafaratlhatlha a a tlhatswang metsi kwa Artesia le Mmamashia ka tiro ya NSC 2.2.

Ka yone tiro eo, metsi a tlaa tsewa go tswa kwa letamong la Dikgatlhong le la Letsibogo mme a phatlaladiwe lefatshe ka bophara ka mafaratlhatlha a. 

Go solofetswe gore mafaratlhatlha a, a rolwe semmuso kgwedi ya Phukwi monongwaga.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : Artesia

Event : Phuthego

Date : 23 May 2024