Bogogi bo rotloetsa popagano
23 May 2024
Bogogi jwa Morolong bo kopane le makalana a tsa tshireletso ba kopile dikgosi go rotloetsa popagano fa gare ga morafe le mapodisi.
Kopo e e dirilwe mo phuthegong kwa Ramatlabama ka Labobedi, e maikaelelo magolo a yone e neng e le go tla ka metlhala e borukutlhi bo ka fokodiwang ka yone mo kgaolong le gore ba sepodisi ba begele bogosi ka melato le borukutlhi jo bo tshwenyang.
Fa a amogela baeng kwa phuthegong eo, Kgosi Lotlaamoreng II o kopile ba-tsena phuthego go tsaya boikarabelo mo matshwenyegong ao ka jaana le bone ba na le tiro ya go netefatsa gore go na le ledula mo metseng.
O supile fa nako e gorogile ya gore le bone ba tswe ka megopolo ya go lwantsha borukutlhi.
“Re tshwanetse ra itse gore mapodisi ga a kake a kgona go lwantsha borukutlhi a le nosi, ka jalo a tlhoka kemonokeng ya rona.”
Kgosi Lotlaamoreng II a re ere ka jaana go utswelwa setshaba e bile go utswa sone, go maleba gore ba bogosi ba tlwaetse morafe go bereka le mapodisi gore dithoto le matshelo a bone a babalesege.
Officer commanding wa kgaolo ya sepodisi ya No.4, Senior Superintendent Sarah Gabathuse o tlhalositse fa phuthego eo e tlaa tlhabolola le go tiisa go tsaya karolo mo twantshong borukutlhi ga bogogi le bogosi jwa kgaolo.
Le ene o tlhalositse fa gantsi morafe o itse disinyi mme ka ba sa itlwaetsa go ikamanya le mapodisi, go nna thata gore ba ba lome tsebe ka borukutlhi.
“Go lebega go na le go bipana mme go bonala fela sentle gore setshaba se itse ba-dira molato le bone barekisi ba diritibatsi tota.”
A re tsholofelo ke gore go abelanwe megopolo le go kwatabolotsa mo go ba bangwe go utlwa gore bone ba fokoditse borukutlhi jang mo metseng ya bone.
O supile fa metse e metona e tshwana le Good Hope, Mmathethe le Lobatse e le mengwe ya e ka dinako dingwe seemo sa borukutlhi se atleng se ye kwa godimo.
A re dikgang tse di tshwenyang di akaretsa go thubiwa ga matlo, mme a re seo se dirwa ke gore beng ba matlo ao ba abo ba seo.
Mme Gabathuse o tlhalositse fa go le botlhokwa go netefatsa gore mongwe o nna mo lapeng ka jaana dirukutlhi gantsi di thuba matlo di batla megala ya motlakase.
Kgosi Thabo Mathiba wa Mmathethe ene o tlhalositse fa a kile a tshwara phage ka mangana mabapi le botlhoka tsebe jwa banana ba motse wa gagwe, a supa fa a buseditse seemo mo taolong ka go simolodisa mephato.
Dibui tse dingwe di supile fa Batswana e le bone ba gakatsang bogodu ka go tlhoka go tlhokomela dithoto di tshwana le matlo le leruo. Morafe o ne wa gakololwa go tshwaya le go baya leruo ditshipi go itsa magodu go le itshwaela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Ramatlabama
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 May 2024