Breaking News

Dikgaisano di ka tokafatsa matshelo

22 May 2024

Dikgaisano tsa bodiragatsi di ka tokafatsa le go tlhabolola matshelo, go supa talente le go tokafatsa itsholelo ya lefatshe.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao, Mme Dintle Kenosi o buile se kwa dikgaisanong tsa moopelo wa Contemporary music le Disc Jockeys (DJs) tsa kgaolo ya Bophirima tse di akaretsang Tsabong, Hukuntsi, Charleshilll le Ghanzi  kwa Tsabong bosheng.

Dikgaisano tse, di baakayetsa dikgaisano tse di tshwarwang ka malatsi a ga Tautona.

Mme Kenosi a re dipalo tsa ditlhopha tsa bodiragatsi ka go farologana le ba ba ikemetseng, di gola ngwaga le ngwaga.

A re bodiragatsi bo sireletsa e bile bo tsosolosa ngwao ya Setswana, gore e seka ya nyelela, e tle e akolwe ke dikokomane tse di tlang.

Moopelo wa dikgaisano tse, wa dikarolo di le nne e bong BackTrack e e mo go yone go neng go phadisana  ditlhopha di le lesome le bosupa, Live Band ditlhopha tse tlhano, New Comer ba le botlhano le bo DJ ba le masome a mabedi le bobedi.

Mo karolong ya Back Track, setlhopha sa Masasa go tswa kwa Ghanzi se ne sa gapa maemo a ntlha, ba longwa serota ke We are the Ones go tswa Hukuntsi, fa a boraro a gapilwe ke Bangisani ba Setso go tswa Hukuntsi.

Mo karolong ya New Comer Live, The Lecture go tswa Charleshill, o ne a di goga kwa pele, Vasta Kitoko go tswa Tsabong a ikgapela maemo a bobedi fa maemo a boraro a ne a gapiwa ke Bonny go tswa Ghanzi.

Live Band, De Dance Doctor go tswa Hukuntsi ba gapile maemo a ntlha, Lenesto & Sagafro Muska go tswa Ghanzi ba tsaya a bobedi fa a boraro a gapilwe ke John Bantumber go tswa Hukuntsi.

DJ The Am go tswa Hukuntsi a itlhoma kwa pele mo karolong ya bo DJ, a latelwa ke DJ Abistone go tswa Kang mme DJ Bandlizo a ikgapela a boraro go tswa Omaweneno.

Moeteledipele mo lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao kwa Kgaolong ya Tsabong, Rre Rock Mphela o tlhalositse fa botlhe ba ba neng ba di goga kwa pele mo dikarolong tsotlhe ba iponetse phatlha mo  dikgaisanong tsa makgaolakgang kwa Gaborone ka malatsi a ga Tautona ka Kgwedi ya Phukwi.

Rre Mphela a re mo karolong ya Back Track, New Comer Live le Live Band ba ba ikgapetseng maemo a bobedi ba tlaa atswiwa ka P5 000 fa ba ba tsereng a bararo ba tlaa fiwa P3 000 dikarolo tsotlhe.

O boletse fa mo karolong ya bo DJ ba gapileng maemo a ntlha le a bobedi ba fetela kwa legatong la bofelo kwa makgaolakgannyeng go ya go phadisanya le ba dikgaolo tse dingwe, fa maemo a boraro a tlaa atswiwa ka P800 mme a bone a tlaa tlhatswiwa diatla ka P500.

O rotloeditse bafenyi ba ba fetelang kwa legatong la bofelo la dikgaisano go itoma molomo wa tlase go fenya.

Dikgaisano di ne di tshegeditswe ka setlhogo sa: Tlhabololo ya Itsholelo ka Dikgwebo tsa Botaki le Bodiragatsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Dikgaisano

Date : 22 May 2024