Ba Kang ba rulaganya letsatsi la balemi-barui
22 May 2024
Balemi-barui ba Kang ba rulaganyetsa letsatsi la balemi barui le le tlaa tshwarwang ka Matlhatso kwa morakeng wa Khakha.
Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ba Kang, Rre Moagi Bareeleng, o tlhalositse fa ba le mo ngwageng wa botlhano ba ntse ba tshwara moletlo wa letsatsi la balemi-barui kwa kgaolong ya Kang, e le tsela nngwe ya go rotloetsa temo-thuo mo kgaolong.
O supile fa maikaelelo e le go ngoka banana go tla go tsaya malebela ka tsa temo-thuo, gore ba tsene mo go yone go tlhabolola matshelo a bone.
A re banana go ralala lefatshe leno, ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la mebereko, mme a supa fa temo-thuo e ka thusa go tlhama diphatlha tsa mebereko.
O supile gape fa letsatsi leo, ba le tlhomile e le nako e balemi-barui ba kgonang go kopana, go amogana dikitso.
Rre Bareeleng a re maikaeleo magolo a bone, ke go rotloetsa balemi-barui go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, go inaakanya le methale e tlhabologileng go tokafatsa temo-thuo.
A re go dira jalo, go tlaa ba thusa go phadisana mo mebarakeng e e kwa ntle mme seo, se godise temo-thuo mono gae.
Rre Bareeleng o tlhalositse fa kgwedi eno e le masome a mabedi le bone, ba tlaa tshwara dithuto puisano le balemi-barui, go ba rutuntsha ka ditshetlana tsa go rekisetsa mebaraka e tshwana le ya Europe gammogo le dithuto tsa temo-thuo ka kakaretso e le go leka go nonotsha balemi-barui ka dikitso.
O tlhalositse fa sebui sa letsatsi e tlaa bo e le Tona wa Bogwebi, Rre Karabo Gare a patilwe ke Mothusa Tona wa Temo-Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi.
A re maphata a bogwebi le themo-thuo a tlaa ruta balemi-barui le batsenelela moletlo ka mananeo a itshetso a puso e a simolodisitseng bosheng jaaka Thuo Letlotlo le Chema Chema.
A re ba makalana a Citizen Entrepreneurial Development Agency le Local Enterprise Authority, ba tlaa thusa baikopedi ka mananeno a a ka fa tlase ga makalana a bone.
Rre Bareeleng o tlhalositse fa dipoo, dinku, dipodi, dikoko le di tswa tshimong ka go farologana di tlaa supiwa kwa moletlong oo, a tlatsa ka gore go tla nna le thuto ka go tlhatlhoba boleng jwa peo mo dipoong.
Letsatsi leo le tla bo le tshwerwe ka setlhogo se se reng: Go Fetola Maikutlo ka Temo-thuo go Nna e ka Melediwang Mathe Gammogo le go Nna Selo sa Sennela Ruri. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Ghanzi
Event : Potsolotso
Date : 22 May 2024