Breaking News

Babirwa ba itumelela leruo

21 May 2024

Babirwa ba tlaa ora molelo wa mariga mono ngwaga, morago ga gore puso e ba phimole dikeledi ka go ba fa dikgomo, dihutshane le ditonki gore ba simolole botshelo sesha.

Se se tla morago ga gore Babirwa kwa metseng ya Mabolwe, Bobonong, Lepokole, Gobojango, Semolale, Molalatau, Matlhabaneng/Lentswelemoriti ba utswelwe leruo ka dipalo tse di kwa godimo mo go ba tlogetseng  ba iphotlhere, go sena se ba itshetsang ka sone.

Bogodu jo, bo tsere dingwaga di feta masome mane go bo fetsa, mme bo tlogetse Babirwa ka dipelo tse di botlhoko ka go ne go sena nko e tswang lemina go ba thusa go rarabolola dikgang tsa bogodu jwa leruo le le feletseng kwa Zimbabwe.

Ya re go utlwa selelo sa Babirwa se ile magoletsa ka bogodu jo bo keketseng mo kgaolong, puso e eteletswe pele ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ya tsibogela dikgang tse mme bo tautona ba mafatshe oo mabedi ba buisana ba bo ba dumelana go tshwaraganela dikgang tse go fedisa bogodu.

“Re leboga Tautona Dr Masisi go bo a ile a tseela kgang e kwa godimo go fedisa bogodu jwa leruo fa gare ga mafatshe oo mabedi mme e bile mo nakong ya gompieno, seemo se retibetse,” Mme Tshiamo Mothelo, monni wa Mabolwe a supa.

Mme Mothelo o tlhaloseditse Tautona Masisi fa bogodu jwa leruo bo tlogetse Babirwa ba iphotlhere e bile bo ba tsentse mo lehumeng.

A re puso e ba diretse go tlala ka diatla ka ba ne ba sa solofela go ka fiwa leruo le le kalo ba sa lopiwe sepe.

E re ka Motswana a rile letsema le thata ka monngwa lo ne, banni ba metse e le bone ba ema ka dinao go dira mophato go thusana le sepodisi le sesole go lwantsha seemo.

Modulasetilo wa mophato, Rre Habana Mooketsi o kaile fa mophato o tsweletse sentle e bile o ikaelela go tswelela o tshwere ka natla go sireletsa leruo le puso e sa tswang go ba phimola dikeledi ka lone.

A re puso e abetse mophato kapari ya itshireletso, koloi, ditante le tse dingwe go dira tiro ya bone bonolo.

O kopile puso go ba thusa ka terata e thata, e ka sekeng e kgaolwe ke ditlou go agelela ka yone ka gore ya mathoko a leruo e setse e sentswe ke ditlou, mogopolo o Tona wa Temo thuo Rre Fidelis Molao a sekegetseng tsebe, a tlhalosa fa puso e tlaa sekaseka gore e tla ba thusa jang gore terata e tsenngwe.

Rre Molao o ba rotloeditse go tlhokomela leruo le go le godisa.

O ba rotloeditse gape gore ba dirise mananeo a mangwe a puso jaaka Thuo Letlotlo, go tsadisa leruo le go tlhabolola boleng jwa lone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Mabolwe

Event : Potsolotso

Date : 21 May 2024