Breaking News

Banana ba rotloediwa go tsaya bodiragatsi ka tlhwaafalo

21 May 2024

Banana ba rotloeditswe go tsaya bodiragatsi ka tlhwaafalo ka jaana bo ka ba tlhamela ditiro tsa go itshetsa.

Kgosi Kgotlaetsile Motsamai wa kgotla ya Raphalane kwa Jwaneng o ntshitse kgothatso eo kwa dikgaisanong tsa baletsi ba kgaolo ya borwa tse di neng di tshwaretswe kwa Jwaneng ka Matlhatso. 

Dikgaisano tse, tsa ngwaga le ngwaga, di ne di tshwere ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Tlhabololo ya Itsholelo ka Dikgwebo tsa Botaki le Bodiragatsi’.

Kgosi Motsamai o tlhaositse fa bodiragatsi bo ka dirisiwa go tlotlomatsa ngwao ya Batswana, le go e kabakanya go tokafatsa itsholelo ya badiragatsi le lefatshe ka bophara. 

A re ditlhamo tsa badiragatsi di na le seabe se setona sa go aga setshaba ka jaana ba reediwa ebile ba lebelelwa ke batho ba bantsi.

“Ke lo rotloetsa le go lo nonotsha gore se lo se dirang lo seka lwa se tsaya motlhofo. Romelang melaetsa lo le di DJ ka dipina tse lo di tsenyang mo setshabeng, agang setshaba ka mmino o lo o letsang. Re beile mo go lona ka gore banana ba a lo rata ba bina dipina tse lo di letsang.”

Mo godimo ga moo, o ba rotloeditse go itshwara sentle gore setshaba le sone se tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo. 

A re nngwe ya dikgwetlho tse di amang bodiragatsi ke go iphitisa nnotagi go sena maikarabelo.

“Re na le kgwetlho e tona ya botagwa mo lefatsheng, go nowa bojalwa phetelela, mme lona di DJ ke lona lo letsang kwa dibareng, ka jalo ke lona lo ka re thusang go fokotsa seemo se. Gape ke ipotsa gore batho ba tlaa reetsa mmino wa lona jang ba nole ba sa utlwe dipina tse lo di letsang. Ke a lo kopa re thuseng, rutang banana ka lona gore bojalwa bo letleletswe mme a bo nwe ka maikarabelo,”a tlhalosa.

Kgosi Motsamai o tsweletse a tlhalosa fa a le sebete se molangwana ka badiragatsi ba ba nang le bakapelo ba bantsi, selo se a reng se tsenya matshelo a le mantsi mo diphatseng. 

O ba kopile gore ba itlotle ba lese go gokakanya bakapelo, ebile ba ikgaphe mo boitshwarong jo bo nang le ditlamorago tse di maswe mo tirong ya bone.

Mo go tse dingwe, Kgosi Motsamai a re makgotla a Setswana mo toropong ya Jwaneng a apesitswe kobo ka letshoba ke batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. 

A re dikgang tseo, tse a reng di ama banana le bagolo ka go tshwana, di tsweletse ka go golela pele mo Jwaneng. 

O ne gape a kgalema batho ba ba thubang malwapa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Dikgaisano tsa baletsi

Date : 21 May 2024