Batshweneng ba tsosolosa ngwao
21 May 2024
Mothusa tona mo ofising ya ga Tautona Mme Boitumelo Gofhamodimo o solofetswe go tsena moletlo wa go ipelela ngwao ya Batlharo-ba-bina-tshwene kwa Maubelo mo kgaolong ya Tsabong ka Matlhatso.
Fa a bua mo potsolotsong ka Mosupologo, moanamisa mafoko wa moletlo wa Batshweneng Cultural Festival Rre Boikobo Lekhutlile a re tiro ya go baakanyetsa moletlo e tsweletse sentle.
Are moletlo oo, wa setlhogo sa Promoting and Disseminating Cultural Knowledge to the People, o tlaa bo o tshwarwa lantlha mo kgaolong eo e le tsela nngwe ya go somarela ngwao ya morafe wa Batlharo o o fitlhelwang mo Kgalagadi.
A re go rulaganya moletlo go simologile pele e le mogopolo wa setlhopha sa Bomme ba Batshweneng ba ba neng ba o rekisetsa morafe mme wa atlega.
O tlhalositse fa se, se tla morago ga gore ba itemogele gore ngwao ya Batlharo e a nyelela ka jalo ba itlama go tsosolosa ngwao ya bone ka go e ipelela gore banana le dikokomane tse di tlang di itse ka yone.
“Tiro e, e tlaa bo e tshwaretswe fa kgotleng ya Maubelo mme go rulagantswe metshameko ya setlharo jaaka koi, diketo, mmino wa Setlharo, disupiwa tsa didirisiwa tsa bogolologolo, diaparo tsa rona tsa setso le dikhwaere. Gape go tlaa bo go na le dijo tsa Setswana,” a bolela.
Rre Lekhutlile o rotloeditse banni ba kgaolo go tlaa go ipelela ngwao le go akola dikitso ka morafe mo batlapeleng, ba dira jalo ba ntse ba tsweletse ka mmino.
A re ba solofetse gore Mme Gofhamodimo, a patiwe ke mothusa tona wa Lephata la Botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe, mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente Rre Pono Moatlhodi, baemedi ba ofisi ya Batlharo go tswa Afrika Borwa, Kgosi Kebinatshwene Mosielele go tswa Manyana, Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa Rre Samuel Brooks, Kgosi David Toto wa Tsabong le marara otlhe a kgaolo eo.
A re pulamadibogo ya tiro eo e tlaa nna mogwanto ka Matlhatso go tswa kwa kgotleng ya Maubelo go ya kwa setlhareng se se neng se dirisiwa bogologolo ke District Commissioner wa nako eo go tshwara diphuthego, se e le tsela nngwe ya go supa ditso tsa Batlharo.
Go tlaa tshwarwa mabelo a dipitse mo maitseboeng go natetsha letsatsi leo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Maubelo
Event : Potsolotso
Date : 21 May 2024