Breaking News

Tsogwane o rera popagano

20 May 2024

Dikereke ka go farologana mo Botswana di rotloeditswe go bereka ka bongwefela ja pelo go rapelela kagiso le thitibalo.

Mothusa Tautona yo e bileng gape ele mopalamente wa Boteti Bophirima, Rre Slumber Tsogwane, o ntshitse thotloetso eo kwa moletlong wa go ipelela mongwe wa bagolo ba kereke ya St John Apostolic Faith Mission Church, Mme Sematho Siwela kwa Mahalapye ka Tshipi.

Rre Tsogwane o kgothaditse maloko a dikereke go kopa kwa Modimong gore ba itse ditalente tsa bone, a bolela fa mongwe le mongwe a filwe dikitso ke Modimo mme ba tshwanetse go di dirisa go thusa ba bangwe.

O ba rotloeditse go rapelela masula a a diragalang mo lefatsheng jaaka botlhokatsebe, malwetse, dikotsi le go rapelela ditlhopho tse di tlang gore lefatshe leno le nne mo kagisong.

A bo a ba kopa go rapelela Tautona wa lefatshe la Botswana le puso ya gagwe gore go tswelele go na le nthitibalo.

A re fa ba ka rapelela tsotlhe ka tlhotlheletso ya mowa wa Modimo, sengwe le sengwe se tlaa apara tshiamo.

Rre Tsogwane o ba rotloeditse go tshwaragana ka mowa o le mongwe ka gore dikereke di rapela Mmopi a le mongwe fela.

Mothusa Tautona a re ba tshwanetse ba nna le mowa wa kutlwelobotlhoko, lorato, go itshwarelelana le popagano.

O ba kgothaditse go thusa ba ba tlhokang le go direla dikereke ka tsholofelo le mowa wa Modimo oo edileng ba dira ka boineelo.

Boeteledipele jwa kereke bo tlhaloseditse Mothusa Tautona ngongora ya bone ya go tlhoka go abelwa lefatshe e le dikereke. 

Ka jalo, Rre Tsogwane o ba solofeditse gore dikgang tsa teng o tla di tlhakanela le matona a mangwe le Tautona go bona ka fa go ka dirwang ka teng, a gatelela botlhokwa jwa gore se ba se dirang, ke thomo ya Modimo.

Mongwe wa baruti, Rre Chistopher Kahuku o ne a boletse fa dikereke di tlhoka mafelo a ba ka obamang mo go o ne mme bangwe ba patelesega go obamela mo malwapeng mo go sa letlelelweng ke puso.

Moruti Kahuku o boletse fa go etelwa ke Mothusa tautona ele ditshegofatso tse ditona.

Mme Siwela yo o neng go ketekwa letsatsi la gagwe go bo a gogile mo kerekeng eo ka lobaka, le ene o boletse fa a bereketse kereke ka bongwefela ja pelo.

O kgothaditse maloko a dikereke tse dingwe go bereka ka thata ba rerela tshaba ya Botswana lefoko la Modimo ka boammaruri. Mme Siwela o sale a nna leloko la kereke eo ka 1959. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Mahalapye

Event : Moletlo

Date : 20 May 2024