Mafatshe a kopiwa go kgaogana tlhogwana ya ntsi
20 May 2024
Kgaolo ya Borwa jwa Afrika e e akaretsang maloko a SADC e tsweletse ka go babalelwa ke ditlamorago tsa phetogo ya loapi.
Seemo se, se baka dikgwetlho di akaretsa thaelo ya dijo, metsi, kgotlelesego ya tikologo, madi le ditsompelo tse dingwe tse di thusang go tokafatsa matshelo le go fokotsa manokonoko a leuba.
Tona wa mafatshe a sele, Dr Lemogang Kwape o tlhalositse se fa a buisa babega dikgang morago ga phuthego ya matona a kgaolo ya SADC mo Gaborone ka Sontaga. Bokopano jwa bo Tona, bo ne bo tlhagolela tsela phuthego ya bo tautona e e tseneng maabane go buisana ka manokonoko a go fetoga ga loapi, segolo bogolo El Nino. Bo tautona ba tla itebanganya gape le go tla ka maano a a ka dirisiwang go fokotsa ditlamorago tsa seemo se.
Dr Kwape a re nngwe ya dikgwetlho tse di amang mafatshe a eleng maloko a SADC ke El Nino, e e tlang ka seemo sa loapi se se sa tlwaelesegang jaaka mogote o o feteletseng, merwalela, thobo e e boutsana, go gotlhega ga tikologo le go pharama ga diruiwa le diphologolo tsa naga di tlhaelelwa ke phulo.
O tlhalositse gore pego e e sobokilweng ya matona a SADC e e tlaa rolelwang bo tautona e na le dintlha di akaretsa dipego tsa seemo sa leuba mo mafatsheng otlhe, metsi, thobo le ditlamelo tse dingwe tse di ka thusang go inola batho mo manokonokong a leuba le tse di ka dirwang go fokotsa kgotlelesego ya loapi le tikologo.
Dr Kwape are nngwe sa dintlha tsa botlhokwa tse di builweng ke matona a SADC ke go lemoga gore mo ngwageng o o fetileng, kgaolo e ne e aparetswe ke leuba le le bakileng gore mangwe mafatshe a palelwe ke go bona thobo e e nametsang kana go sena sepe gotlhelele.
A re kgakololo ke gore ba ba boneng thobo e e nametsang ba seka ba ja ba le nosi, ba ngathogane tlhogwana ya ntsi le ba bangwe gore le bone ba dike ba orile molelo wa mariga.
Dr Kwape a re mangwe mafatshe a SADC a kgonne go ntsha dijo go akarediwa le tsa leruo, ka jalo go botlhokwa gore ba tsutlagane le ba ba sa bonang sepe.
O supile gore Botswana ke lengwe la mafatshe a amilweng thata ke leuba mo pakeng e e fetileng, mme se, se tlamile puso go tswa ka mananeo a a ka thusang batho go ikinola mo seemong se.
Dr Kwape a re sengwe sa tse puso e di dirileng ke go thusa balemi ka dipeo le menontshane, go rekisetsa barui dijo tsa leruo ka ditlhwatlhwa tsa phokoletso le go fokotsa dikoloto tsa bagwebi ba ba thusitsweng ke puso ka madi, ka selekanyo sa 40 per cent.
A re le fa puso e tsweletse ka go sekaseka seemo sa leuba mono ngwaga, mongwe le mongwe o kgona go bona gore seemo se se tlang se tla nna maswe ka bontsi jwa balemi bo sa kgona go baya tema ntateng ya dipula tse di boutsana.
sA re kgaolo ya SADC e dira maitlamo a a tlaa thusang go lwantsha kgotsa go fokotsa manokonoko a El Nino le tse dingwe dikgwetlho tse di bakiwang ke go fetoga ga loapi kana kgotlelesego ya tikologo.
Dr Kwape a re pego e e tlaa ntshiwang ke bo tautona, e tlaa supa le madi a a tlhokwang ke SADC go itepatepanya le El Nino.
O tlhalositse gore mo diphuthegong tse di fetileng tsa COP28, tshwetso e e tserweng ke gore mafatshe a a nang le seabe se se kwa godimo mo go kgotleleng tikologo, a ntshe madi a a ka thusang mafatshe a tlhabologang, go tswa ka mananeo a go somarela tikologo le go fokotsa manokonoko a phetogo ya loapi mo matshelong a batho le tikologo ka kakaretso.
Dr Kwape a re go simolola ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola, mafatshe a amegang a simolotse go ntsha madi go thusa go lwantsha manokonoko a phetogo ya loapi le tse dingwe dikgwetlho tse di bakwang ke go kgotlela tikologong mo mafatsheng a itsholelo e e kwa tlase.
A re go lemogilwe gore mafatshe a itsholelo e e kwa tlase le fa e le o ne a amiwang segolo bogolo ke manokonoko a dikgwetlho di tshwana le El Nino, seabe sa o ne mo go ntsheng sepe se se borai e bile se ka ama tikologo se kwa tlase ka jalo, go le botlhokwa gore a thusiwe ka madi ke ba ba tsweletseng ka go baka tshenyo gore ba kgone go itshireletsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Phuthego
Date : 20 May 2024