Baoki pinagare ya itsholelo
19 May 2024
Baoki ke pinagare e itsholelo ya lefatshe e ikaegileng ka yone. Go ya ka mookamedi wa banka ya Standard Chartered Rre Mpho Masupe, tiro ya baoki ya go tlamela setshaba ka ditirelo tsa botsogo e baya batho mo seemong se se ba letlang go bereka le go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokwang ke itsholelo gore e itshetlele e bo e gole.
Rre Masupe yo a neng a bua kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshefatshe la baoki kwa Tsabong ka Labone, a re go ngomola pelo gore le ntswa ba dira tiro e kgolo e bile e le masisi, bangwe mo setshabeng ba bo ba sa lemoge botlhokwa jwa baoki.
Le fa go ntse jalo o ne a ba gwetlha go seke ba itetla go kgojwa marapo ke sepe, a ba rotloetsa go tswelela ba gogwa ke mowa wa boineelo, go dira ka natla le wa emelana le dikgwetlho.
Rre Masupe o kgothaditse baoki go disa kgatlhanong le go inyatsa, a re ba lemoge fa ba bonesa lesedi mo botshelong jwa motho mongwe le mongwe mo setshabeng.
A re fela jaaka mooki-mogolo Mme Florence Nightingale yo booki jwa segompieno bo thaetsweng mo godimo ga tiro ya gagwe a ne a tlhalosiwa ke bangwe e le mme yo o tshotseng lebone, baoki ba tshwanetse ba lemoga fa le bone ba tshotse lebone le ba bonesang botsogo jwa setshaba ka lone. Mo godimo ga go ema nokeng lekgotla la babereki la baoki la Botswana Nurses Union (BONU) nokeng kwa segopotsong sa letsatsi la baoki ka ntlha ya botsalano magareng ga lone le Standard Chartered, banka eo e ne gape ya abela dikole dibuka.
Rre Masupe o ne a tlhalosa fa dikole tse supa tsa kgaolo ya Tsabong di akaretsa tse dibotlana le tse di kgolwane di tlaa kgaogana ka tekatekano dibuka tse 2 900.
A re banka e phuthile dibuka tseo ka tshwaragano le ba Loapi Study Centre ba ba itebagantseng le go ema nokeng baithuti ba ba tshelang ka bogole kana dikgwetlho tsa tlhaloganyo tse di ba itsang go ithuta jaaka ngwana mongwe le mongwe (learning disabilities).
A re Standard Chartered le Loapi di ikemiseditse go thusa go aga le go nonotsha kitso ya go bala le go kwala mo setshabeng ka ba tlhaloganya fa seo se ka thusa go betla isago e ntle ya tshaba ya Botswana.
Mogolwane wa lephata la ditirelo tsa baoki le babelegisi Rre Rejoice Sankoloba o ne le ene a phophotha legetla badiri bao ka tiro e ntle e ba e dirang le mororo fa gongwe ba direla mo mabakeng a a sa nametseng.
Rre Sankoloba a re baoki le babelegisi ke bone mokwatla wa mohama wa botsogo, mme ka jalo go lebane gore ba lemogwe, le tiro ya bone e tlotlwe.
Le fa go ntse jalo a re serodumo le seriti sa booki se wetse tlase mo dingwageng tsa bosheng, seemo se a boletseng fa se tlama baoki le babelegisi go itshekatsheka go batla go itse gore ba fapogile tsela fa kae.
A re go dira jalo go ka thusa go busetsa dilo mo maemong le gone go aga sesha tshepo e setshaba se kileng sa bo se na nayo mo go bone. Mopalamente Rre Sam Brooks wa Kgalagadi Borwa o ne a kopa puso go akofa go okeletsa kgaolo eo dingaka le dikoloi tse di rwalang balwetse.
A re go baya bodiredi le ditlamelo tsa botlhokwa ka dipalo tse di lekaneng mo kgaolong eo e tla bo e le kgato e e botlhokwa ya go tlhomamisa gore batho ba amogela ditirelo tse di tletseng tsa botsogo.
Kgosi David Toto II wa Tsabong le ene fela jaaka dibui tse dingwe o akgoletse baoki go nna badisa ba popota ba botsogo jwa setshaba. A re ba tie moko go tswelela ba dira ka natla le ntswa ba direla ka fa tlase ga dikgwetlho tse di farologaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : TSABONG
Event : Letsatsi la baoki
Date : 19 May 2024