Ba ngongorega ka maranyane a GABS
19 May 2024
Kgosi Batho Tshoso wa Motokwe a re kgaolo ya Letlhakeng e tlhasetswe ke bojang jwa tlolela, jo a kopileng gore bo lwantshiwe ka e le sekgoreletsi mo baleming.
Kgosi Tshoso o buile se fa badirelapuso ba kgaolo ba ne ba isitse ditlamelo tsa puso kwa motseng oo bosheng, a bo a kaya fa balemi ba tlhorontshiwa ke leruo e bile seo se ba busetsa morago.
O supile matshwenyego ka maranyane a puso a GABS, a re ditiro ka bontsi di eme ka ntlha ya se.
E rile a rola se ba tsileng ka sone, mogolwane go tswa kwa lephateng la bakenti, Rre Gokatweng Motlhatlhedi, a supa fa ba tsisitse ditlamelo tsa go kenta dikatse le dintsa. Rre Motlhatlhedi o ne a tlhalosa fa ba kile ba kentela molafo ngwaga o simologa mme jaanong ba lebile le le neng le setse.
O kopile banni go kwadisa masaka, go rwesa dikgomo manyena, go bega dikgomo tse di tlhabilweng kwa manyalong, dintshong le tse di suleng gore di ntshiwe mo maranyaneng.
A re fa ba kenta leruo ba kwale mo bukeng gore ba kentile leng le gore ba ne ba kentela eng, le palo ya leruo le le sa gorogang gore maranyane a bone a tshephege.
Mogolwane wa ofisi ya bagodi, Mme Thandi Molebo o tlhalositse fa ba tsile go kwadisa bagolo ba ba dingwaga tse di masome a marataro le botlhano le go feta, ba ba iseng ba kwadisiwe le go kwadisa baemedi ba bagolo ba ba palelwang go ya go ikamogelela.
Go tswa kwa LEA kwa Molepolole, Mme Mpho Moepeng, o tlhalositse fa ba kwadisa ba ba eletsang go thusiwa ka lenaneo la Chema Chema.
O ba tlhaloseditse fa moikopedi yo a nang le kgwebo e e berekang, a tshwanelwa ke go tla ka setlankana sa kgwebo, Omang yoo rurifaditsweng le basupi ba ba le babedi.
Mogolwane go tswa kwa SHHA, Rre Goweditswe Moabi e ne o ne a supa fa banni ba Motokwe ba tsaya lenaneo la SHHA mme sebe sa phiri e le gore ba saletse morago ka dituelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MOTOKWE
Event : Bokopano
Date : 19 May 2024