Puso e tlaa simolola go baakanya dikole
19 May 2024
Puso e tlaa simolola thulaganyo ya go baakanya dikole go di baya mo seemong se se nametsang, se e le maiteko a go tlhabolola le go tokafatsa thuto mo lefatsheng.
Se se builwe ke mothusa tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Mme Nnaniki Makwinja jaaka a ne a lekola le go buisana le boeteledipele jwa dikole kwa Molepolole ka Labotlhano. ka ditsamaiso, mananeo le diphetogo tse di diragalang mo pusong.
Mme Makwinja o boletse fa puso e tsere maikarabelo a go thusa ka gotlhe go reka di dirisiwa tsa thuto jaaka dibuka tse di tlaa abelwang dikole.
A re ke ka moo Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso le rekile dikoloi go thusa mo go phatlalatseng ditirelo kwa dikoleng, seo e le maiteko a puso a go araba dilelo tsa baithuti le barutabana.
Mme Makwinja o tlhalositse fa thuto e le nngwe ya matshego a a ka dirisiwang ke batho go itlhotlhora lehuma le go tlhabolola matshelo a bone. A re ke sone se puso e boneng go tshwanela go reka dikoloi di le 297, ditafole, ditilo le tse dingwe e le maiteko a go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng.
O ne a tlhalosa fa dithoto tse di tla kgaogangwa dikole go ralala lefatshe leno go lebeletswe matlhoki a tsone go thusa mo go fefoseng ka ha ditlamelo di ntseng di tla ka teng. “Puso e dira se e le sekao sa go baya thuto kwa pele ga dilo tsotlhe,” ga bua Mme Makwinja.Go le pele, motshwarelela mothusa mokwaledi wa thuto e potlana, Rre Steve Bothasitse o ne a akgolela lephata la thuto maiteko a lone go tshwaraganela thuto le barutabana.
Rre Bothasitse a re tshwaragano eo ke konokono mo go tlhabololelng le go tokafatsa thuto ka jaana thuto e le boswa jo ope a ka se bo tseyeng.
“Ke a leboga boeteledipele jwa dikole tsa Molepolole gore le bo le le seopo sengwe go tokafatsa maduo a bana,’’ ga bua Rre Bothasitse.
O ne a tswelela a ba akgolela kemo nokeng e ba e mo fileng ka nako ya fa a santse a na le bone mo kgaolong, a re seo se mo thusitse go dira tiro ya gagwe a sa kgopakgopediwe ke sepe.
“Ke itumetse thata go bo ke na le lona mo tsatsing leno, ke fa ke leng teng ka kemo nokeng ya lona,” a tlhalosa.
Mo go la bone, barutabana ba ne lebogela go bo puso e kgonne go araba matshwenyego a bone a letlhoko la dikoloi le ntswa go ise go lekane. Mo go tse dingwe, Rre Pesalema Boti o ne a supa fa a tshwenngwa ke ka fa puso e tsayang nako go ba tlhatlosa maemo mo tirong.
“Re tlhatlosiwa maemo go setse dingwaga tse pedi kgotsa tse tharo go tlogela tiro mme seo ka bo sone se re kgobe marapo. Ka jalo re kopa gore kgang e le yone e sekasekiwe,” ga bua Rre Boti. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Bokopano
Date : 19 May 2024