Breaking News

Tona o abela bana dikobo

16 May 2024

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae o abetse baithuti ba sekole se se botlana sa Riverside kwa Serowe dikobo ka Labone.

Rre Kgotla Autlwetse a re bana ba tshwanetse go tlhokomelwa ka go bontshiwa lorato gore e re kamoso ba itse go tlhokomela ba bangwe.

A re mpho e, e ya go imolola batsadi mokgweleo wa go rekela bana dikobo.

Rre Autlwetse o abetse gape barutabana, lekgotla la batsadi le barutabana le badiri botlhe ba ba direlang kwa sekoleng. A re se, ke go ba kgothatsa gore ba tswelele ba dira tiro ya go ruta le go tlhokomela bana ka manontlhotlho.

Mothusa Kgosi wa GaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse o lebogetse tona ditiro tsa gagwe tsa bopelotlhomogi a tlatsa ka gore motho o gakologelwa ka ditiro tse di ntle.

Kgosi o lebogile bana ba sekole le bodiredi jotlhe jwa Riverside go bo ba santse ba tlhokometse sekole e bile se le phepa, morago ga paakanyo ya dikago tse di wetseng ka 2021.

Modulasetilo wa khansele ya Serowe, Rre Keneilwe Monageng a re go a itumedisa fa tona a tsweletse ka go gadima batho ba Serowe le fa a supile fa a se na go emela ditlhopho tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang mono ngwaga.

“Go le gantsi ditiro tsa bopelotlhomogi tse di dirwang ke mapolotiki di amangwa le go ipapaletsa ditlhopho jaanong, go a itumedisa go lemoga fa tona a kgona go di dira le fa a sa emela ditlhopo,” Rre Monageng a tlhalosa.

Mogokgo wa Riverside, Mme Sylvia Moalosi o lebogetse bopelontle jwa ga tona a supa fa seo se tlaa tiisa bana le bodiredi jwa sekole moko gore ba ntshe maduo a a mantle jaaka ba dirile mo ditlhatlhobong tsa lekwalo lwa bosupa tsa ngwaga o o fitileng.

Mme Moalosi o tlhalositse fa ba na le letlhoko la matlwana a borutelo, a re ba na le ditlhopha dile nne tsa bana ba reception. Mme Moalosi a re se se ba pateletsa go tsenya bana ba bangwe motshegare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : KABO DIMPHO

Date : 16 May 2024