Breaking News

Palamente e tlaa buisanya ka kakanyetso molao motheo

16 May 2024

Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe o boleletse banni ba kgotla ya Botalaote kwa Serowe gore e tlaare beke e e tlang, Palamente e kopane go buisana ka molao kakanyetso wa go fetola molaomotheo.

Fa a buisa phuthego ka Laboraro, Rre Mathoothe o tlhalositse fa maikaelelo e le go tsaya megopolo mo morafeng ka dikgang tse di amang molaomotheo.

O buile gape ka madi a ditiro tsa dikgaolo tsa botlhophi (Constituency Community Projects) gore a tlaa dira ditsela tse di fa gare ga metse.

A re go tlaa agwa ofisi ya mapodisi ya bobedi kwa Serowe, kwa kgotleng ya Dinokwane, le diofisi tsa ga mmakaseterata ka gore tse di teng di dinnye.

Mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Robert Mariba, o kopile go re go nne le dikatso tse di fiwang batho ba ba sa berekeng bogolo jang banana gore ba ithuse fa ba ntse ba batla ditiro.

Rre Mariba gape o kopile gore dingwaga tsa batho ba ba tsayang madi a bogodi di fokodiwe go tswa kwa go masome a marataro le botlhano go ya kwa go masome a marataro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 16 May 2024