Breaking News

Elang tlhoko bolwetse jwa ditshika

15 May 2024

Bolwetse jwa multiple sclerosis bo koafatsa ditshika bo bo bo itsa dikarolo dingwe tsa mmele jaaka boboko, monyetsane le tsone ditshika go naalana le mmele otlhe jaaka fa go tshwanetse gore motho a nne le botshelo jo bo tlhololo.

Le fa go ntse jalo, Mme Gomolemo Marumo, yo o tshelang le bokoa jo, a re batho ka bontsi ga ba itse fa ba na le jone ntswa bo tshabelela batho ba dingwaga tse di fa gare.

A re ka jalo, e tlaa re Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi le botlhano, ba mokgatlho wa Myclin Foundation Botswana le ba Active Hub ba bo ba tshwaraganetse tiro ya go tsibosa setshaba ka bokoa jo ka setlhogo se se reng; My MS Diagnosis, Navigating MS together (re mmogo mo loetong lwa go mekamekana le MS).

Segopotso sa multiple sclerosis se tlaa bo se tshwaretswe mo Gaborone, kwa ba bongaka ba tlaa bong ba abelana le setshaba melaetsa le dikitso ka bokoa jo.

Mme Marumo a re go lemogilwe fa a lwala bolwetse jo ka 2013, temogo e e diragetseng a sena go dirwa ditlhatlhobo di le mmalwa ka jaana dikai tsa jone di na le go tshwana le tsa malwetse a mangwe.

Dikai tse di akaretsa letsapa le le feteletseng, bogatsu mo maotong, sedidi, go palelwe ke go tsamaya, go bona letobo, malwetse a letlalo, go thetheekela, go katsa le tse dingwe.

Dikai tse di dirwa ke gore masole a mmele boemo jwa go tlhasela malwetse le megare, a tlhasela mmele ka boone.

Fa masole a mmele a tlhasela ditshika jaana, a felele a aja legogo (insulation) le e leng karolo ya tshika e be e sala mo legoeleleng, ka jalo ditshika di palelwe ke go gorosa melaetsa kwa bobokong mme dikarolo tsa mmele jaaka maoto go tsamaya le matsogo go tshwara di pale.

O tlhalositse fa balwetse ba multiple sclerosis ba na le dikai tse di sa tshwaneng. Bangwe ba bona dilo o ka re di pedi, bangwe ba bona letobo, bangwe ba a foufala, bangwe ba goga leoto mo ba tsamayang ka thobane, bangwe ga ba tsamaye, bangwe ba tshwarwa ke bogatsu, bangwe ga ba kgone go laola setlha le mala fa go tla mo nakong ya go ithoma, bangwe ba a sitwa bangwe ba a sha.

A re dingaka di supa fa bokoa jo,  bo sena kalafi ka jaana go sa itsewe se se e tsisang.

Mme Marumo o bile a tlhalosa fa multiple sclerosis e tshabelela basadi go na le banna le gore batho ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome a mane le bone ke bone ba amegang thata.

A re le fa bolwetse jo bo sa alafesege, go na le ka fa dingaka di thusang ka teng go bo laola le go fokotsa manokonoko a jone le go bo kganela gore bo seka jwa golela pele.

Fa a latlhela la gagwe, ngaka ya ditshika kwa kokelong ya Sidilega mo Gaborone, Dr Ookeditse Ookeditse o ne a re mo Botswana ga go ise go nne le dipatlisiso, ka jalo ga go na dipalopalo tsa balwetse ba MS mo Botswana. Le fa go ntse jalo dipatlisiso di supile fa multiple sclerosis e se kalo mo mafatsheng a a gaufi le mola wa Equator.

Dr Ookeditse a re kwa kokelwaneng ya gagwe go tla bomme ba supa go ya kwa go lesome mo ngwageng. A re ga go na le fa e le rre yo o kileng a tla go itekodisa. 

Le fa go ntse jalo a re go ka tswa go na le bangwe ba ba nang le bokoa jo mme ba sa itse ka bo ise bo lemogwe.

Dr Ookeditse a re le fa modi wa MS o sa itsewe, go belaesega fa e ka tswa e le segotso se gongwe se kgopololwang ke dilo dingwe di tshwana le letlhoko la kotla ya vitamin D.

Dr Ookeditse a re le fa go ntse jalo, multiple sclerosis e ka ritibadiwa go tswa fela mo go reng e lemogilwe e tsamaya mo selekanyong sefe mo mmeleng.

O kgothatsa setshaba go ikgogela kwa dikokelong fa ba utlwa dikai tsa MS, a re ba ka thusiwa gore bolwetse bo kganelwe go jwelelela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : POTSOLOSO

Date : 15 May 2024