Breaking News

Mosepele Hiking Club e rotloetsa itshidilo mmele

15 May 2024

Mosepele Hiking Club e tswa go palama thaba e patilwe ke mekgatlho e mengwe le banni ba Pilikwe.

Goya ka Modulasetilo wa Mosepele Hiking Club, Rre Rockie Mmutle, motsamao e ne e le go tsweledisa maitlamo a Mosepele a Pilikwe Flagship le gore madi a a kokoantsweng a dirisiwe go thusa ba-na-le bogole. A re ba itebagantse le go rotloetsa botsogo ka itshidilo mmele.

Rre Mmutle a re mokgatlho wa bone ga o dire dipoelo dipe ba bereka ka go kokoanya madi go o tsamaisa le go thusa ba-na-le bogole kana bape hela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

A re ba itlamile gore ba tlaa tshwara Pilikwe Flagship Hike kwa Pilikwe mo dingwageng tse tharo ka go latelelana mme gompieno ba mo ngwageng wa bobedi.

Rre Mmutle a re ba lemogile gore ba-na-le bogole ba a oketsega ka ntlha ya bogodi, dikotsi tsa dikoloi le tse dingwe mme e bile ba na le dikgwetlho tse di farologanyeng tsa botshelo.

Rre Mmutle a re ditlamelo ka bontsi di boutsana mo metseng selegae, ke ka moo ba boneng go tshwanela gore ba tsene mo dikgaolong.

A re ba-na-le bogole ba ba kwadisitsweng mo kgaolong ya Palapye ba 2 700, a tlhalosa gore bontsi ga bo a kwadisiwa, seemo se se ba bayang ka fa mosing ka jaana ba sa bone ditlamelo.

A re ngwaga ono ba ne ba sa bona dithuso tsa madi gope, mme ba engwe nokeng ke mekgatlho e mengwe go akaretsa le wa Dikanono go tswa Rustenburg kwa Afrika Borwa.

Setlhogo sa letsatsi leo sa Tsiboso Ka Ba-na-le Bogole a re se gwetlha Batswana go ema ka dinao mo go tsibogeleng dikgang le dikgwetlho tsa ba-na-le bogole.

Rre Mmutle a re ngwaga o o fetileng ba thusitse lekgotla la ba-na-le bogole wa Cheshire Foundation Botswana le dikole di le tharo tse di nang le ba-na-le bogole tsa kgaolo ya Palapye.

Moanamisa mafoko wa mokgatlho wa Mosepele Hiking Club Mme Lucky Modise a re Pilikwe Flagship Hike e ba fa sebaka sa go itse motse le ditso tsa motse, gape o ba thusa go jela kgaolo eo nala gammogo le go rotloetsa dikgwebo tse dipotlana.

Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe o lebogile mokgatlho wa Mosepele go bo o tlhophile go tla kwa motseng wa gagwe, a tlhalosa fa go dira jalo go tlaa dira gore o itsege.

Kgosi Seretse a re ditiro di tshwana le tse, di fa motse seriti le go ruta morafe ka go tshela botshelo jo bo itekanetseng ka itshidilo mmele le go ja sentle.

O tlhalosa fa gape ditiro tsa go nna jaana di tsholetsa itsholelo ya motse le go tlhamela banana ditiro tsa nakwana. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PILIKWE

Event : MOTSAMAO

Date : 15 May 2024