Breaking News

Kotsi e gapetse a le mongwe botshelo

14 May 2024

 Monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi wa Khuis o tlhokafetse morago ga kotsi ya tsela e e diragetseng ka Tshipi, fa ba ne ba le mo mosepeleng go ya metshamekong ya kgwele ya dinao kwa Middlepits.

Mookamela mapodisi a Middlepits, Superintendent Kebadire Mmopi o buile mo potsolotsong, go re mokgweetsi wa Toyota Hilux, e e neng e pegile batho ba le borobabongwe, o ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi fa tsela e fologelang teng kwa lebaleng la metshameko gaufi le noka ya Molopo kwa Middlepits mme koloi ya wa ka letlhakore.

A re bapalami botlhe ba le borobabongwe ba ne ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Middlepts mme ba le barataro ba thusiwa ba bo ba gololwa, fa mokgweetsi le mopalami yo mongwe ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong ka dintho tse di masisi.

Supt Mmopi a re mo palong eo, bomme ba ne ba le bararo mme ba falola fa borre bone ba ne ba le barataro. Botlhe ba tlholega kwa Khuis, kwa Kgaolong ya Tsabong

A re mopalami yo a neng a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong le mokgweetsi, seemo sa gagwe se ne sa bifela pele mme a fetisediwa kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone go ne ka Tshipi, kwa a tlhokafeletseng teng ka Mosupologo kgwedi eno e le lesome le boraro.

Superintendent Mmopi o tlhalositse fa mokgweetsi a robegile letsogo mme le ene a romelwa kwa Princess Marina, ka Labobedi mme dingaka di supa fa a sedilega.

A re e le ba sepodisi, ba tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo kgaolong ya Middlepits ka ba setse ba gatisitse di le nne ngwaga o no mme e le nngwe mo go tsone e gapile botshelo jwa motho a le mongwe.

Supt Mmopi o gakolotse bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko, lobelo lo lo letlelesegang, go lekanya merwalo le go tlhomamisa gore dikoloi tse ba tsamayang ka tsone di itekanetse. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : POTSOLOSO

Date : 14 May 2024