Breaking News

Dithulaganyo tsa temo thuo di fa barui dikitso

14 May 2024

Dithulaganyo tsa temo thuo ke motswedi wa dikitso kgotsa dithuto tse di ka tsisang diphetogo tse di molemo le go godisa  temo mhama wa temo thuo.

Se se builwe ke modiri wa lephata la temo thuo e bile e le mogasi wa thulaganyo ya thibang diphotlha, Rre Tlhabologo Moutlwaditse kwa moletlong wa barui ba Tshephe Association o o neng o tshwaretswe kwa morakeng wa Mokame kwa Takatokwane ka matlhatso.

Rre Moutlwaditse o ne a rotloetsa balemi-barui go itlwaetsa go reetsa le go lebelela dithulaganyo tsa temo-thuo, ka ba ka ithuta go le gontsi. A re go lebelela mananeo ao mo telebeshining le go di reetsa mo seromamoweng go ka fa balemi barui maele ka tsa temo thuo.

A re ba tshwanetse go itse gore dithulaganyo tseo di tsena leng, aa fa dikai gore maitseboa a Labobedi go na le pitso ya balemi, fa ka letsatsi la Tshipi maitseboa gona le thualganyo ya matimela ee thusang go batlisa barui leruo la bone. Molemi ithute le thibang diphotlha a re ke dingwe dithulaganyo tse balemi barui ba ka ithutang go le gontsi mo go tsone. O ne a gakolola balemi barui gore ba ka atolosa se ba se ithutileng mo dithulaganyong tseo ka go ikatumetsa bakenti le balemisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : LETLHAKENG

Event : MOLETLO

Date : 14 May 2024