Breaking News

Mapodisi a tshegeditse segongwana

14 May 2024

Mapodisi a letsholo-tshireletso la KgomoKhumo a tshegeditse segongwana se se akaretsang banna ba supa le mosadi se go belaelwang se sa bolo go tlhorontsha barui.

Segongwana se go belaelwa se thukuthile barui leruo mo dikgaolong di akaretsa Moshupa, Sesung, Thamaga, Molepolole, Takatokwane le Werda.

Moeteledipele wa letsholo-tshireletso la KgomoKhumo le le thibeletseng kwa Takatokwane, Assistant Superintendent Samson Maphala o supile jaana kwa moletlong wa barui ba setlhopha sa Tshephe o o neng o tshwaretswe kwa morakeng wa Mokame ka Matlhatso.

Assistant Superintendent Maphala a re mongwe mo segongwaneng se o bereka mo kgwebong e e itebagantseng le go otla leruo le go le rekisa.

A re go lebega fa segongwana seo, se simolotse go rekisa dikgomo ka 2017 e bile se kile sa rekisa dikgomo kwa ntle ga Botswana.

O ne a supa fa segongwana seo se fitlhetswe ka manyena a dikgomo a a sa dirisiwang a le masome matlhano le bobedi.

A re segongwana seo se tlaa isiwa fa pele ga lekgotla, fa dikgomo tse ba tshwerweng ka tsone di tlaa batlelwa lefelo le di ka bewang kwa go lone, gore barui ba tle ba supe tse e leng tsa bone.

Rre Maphala le ba letsholo la KgomoKhumo ba rotloetsa ditlhopha tsa barui go tlhama dikomiti tse di itebagantseng le go lwantsha borukutlhi tse di ka berekang le mapodisi.

“Re kopa maloma-tsebe, re bereka ka maloma-tsebe a a tlhoafetseng. Ga re batle go fitlhela boloko bo fetogile dibi,” a tlhalosa.

A re komiti eo e ka thusa go rotloetsa barui go sireletsa leruo kgatlhanong le bogodu, a bo a rotloetsa barui go tsenya dikgomo manyena, go tshwaya le go tshuba dikgomo ka nako.

“O ne a gakolola barui go etela meraka kgapetsakgapetsa le go thapa batho ba ba tshephegang e bile ba na le motlhala.

Rre Maphala o ne a gwetlha barui go tlhokomela badisa gore ba seka ba raelwa ke tlala go utswa leruo.

O ne gape a gakolola barui gore thekiso nngwe le nngwe ya leruo e tshwanetse ya nna mo mokwalong go sa kgathalesege gore e dirwa ke mang, a tlatsa ka go re molao o o tsamaisang thuo o pateletsa jalo.

A re barui ba tshwanetse go direla ba ba ba romang go rekisa kgotsa go gatelela leruo mokwalo o o supang gore ba ba file tetla ya go dira jalo.

Go dira jalo a re go ka thusa go farologanya magodu le ba ba romilweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : LETLHAKENG

Event : MOLETLO

Date : 14 May 2024