Breaking News

Rutang bana ngwao - Rakgare

14 May 2024

Go botlhokwa go tshegetsa ngwao le go e ruta dikokomane tsa lefatshe leno gore ba kgone ba itshetse ka yone.

Se se builwe ke Tona wa Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare kwa moletlong wa ngwao o o neng o tshwaretswe kwa masimong a Mahatelo kwa Moshupa.

Maikaelelo a moletlo o o neng o o rulagantswe ke ba Sekhutlwana sa Bannye e ne e le go ruta bana ka ngwao.

Tona Rakgare a re go botlhokwa gore meletlo ee tshwanang le ya Sekhutlwana sa Bannye, ee rutang bana ka ngwao ya Setswana e rotloediwe thata gore e kgone go tsweledisa go nonotsha le go e somarela ngwao ya setso.

A re ngwao e tshwanetse go soromarelwa, go sirelediwa, le go rutiwa dikokomane gore botlhe ba kgone go e sala morago, a tlatsa ka gore se se tlaa bafa thuto ee lolameng e e tlaa ba thusang go nna le boikarabelo.

“Itsholelo ya lefatshe la rona e ikaegile ka ditswammung tse di kgonang go fela, ka jalo go tlhokafala gore re somarele ngwao ya rona gore re kgone go itshetsa ka yone,” a supa.

Rre Rakgare a re Batswana ba kgonne go aga sekole sa mmadikolo (University of Botswana) ka mowa wa boipelego ka thulaganyo ya motho le motho kgomo.

“Ka mananeo a puso ya lefatshe la Botswana a Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo re tshwanetse go fitisetsa kitso ee haphegileng ya temo jaaka re dira gompieno kwa baneng ba rona gore batle ba kgone go tsweledisa temo thuo le go tswakanya itsholelo ya lefatshe la rona,” a supa jalo.

Rre Rakgare o supile fa maikaelelo magolo a tebelopele ya lefatshe ya 2036 e le go bona botlhe ba atlegile mme se se ka kgonafala fa makalana a a ikemetseng ka nosi jaaka Sekhutlhwana sa Bannye a tsaya karolo go thusa mo tlhabololong ya Batswana bogolo ba remeletse thata mo go rotloetseng go godisa le go tshela ka ngwao.

A re lephata la gagwe le neetswe thomo ya tlhabololo le tshomarelo ngwao a supa fa go netefatsa gore se se a kgonega gona le mananeo a a farologaneng jaaka go ipelela letsatsi la setshaba la ngwao le go kwadisa le tshomarelo ya matlotlo a ngwao.

“Dingwe tsa dikgaisanyo tse renang le tsone ke tsa poko ya setswana, mme re bone go tshwanela gore re dire le dikgaisano tsa mogolokwane, se e le tsela ya go rotloetsa gore Batswana ba itse ka fa mogolokwane o letswang ka teng le go thusa gore o seka wa nyelela,” ga bua Rre Rakgare.

A re dipalo tsa ikwadiso ya dikgaisanyo tsa setshaba tsa botaki le bodiragatsi tsa monongwaga di godile jaaka ba itemogetse badiragatsi ka dipalo tse 246 tsa mogolokwane, 185 tsa poko ya Setswana, le 63 tsa poko ya seeng.

Fa a ntsha la gagwe, mmoki yo e bile e le morutuntshi wa setswana le ngwao, Rre Edwin Moroka o supile fa moletlo o ele ngwaga wa boraro o dirwa. A supa fa o diretswe go ruta bana ka ngwao ya Setswana.

“Meletlo e e tshwanang le e, e botlhokwa ka e ka tlhama mebereko ka go supa bodiragatsi jwa moopelo, poko le go rekisa dijo tswa Setswana, e bile e ka thusa go godisa bataki le badiragatsi.”

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, morotloetsi wa setlhopha, e bile e le Kgosi ya Moshupa, Kgosi Oscar Mosielele o supile fa maiteko a mokgatlo e le go leka go tshegetsa methale ya ngwao e e nyeletseng gore e busediwe mo tirisong.

A re ka e le ba bogosi, maikaelelo a bone ke go ruta, go sireletsa, go tlhokomela le go ema nokeng botlhe ba ba dirang maiteko a go somarela ngwao.

“Keletso ke gore Setswana sa rona se se nonneng se se neng se betla motho se rotloediwe gore fa re ntse re tlhabologa re busetse ditsamaiso tsa ngwao tse di re berekelang,” ga bua jalo Kgosi Mosielele.

“O tlaa lemoga gore ka ntlha ya moletlo o, bana ba itumetse ka ba ithutile botshelo jwa masimo, leruo le go gama dikgomo.

Kgosi Mosielele o supile fa moletlo o, o kgonne go diragatsa se mhama wa thuto o se buang, a tlatsa ka gore go tlhokafala gore mekgatlho e thuse thata go rotloetsa bana go itse ngwao ya bone ya Setswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : MOLETLO WA NGWAO

Date : 14 May 2024