Bakgatla ba somaretse ngwao
13 May 2024
Pulo semmuso ya leobo la Bakgatla ba ga Kgafela kwa Mochudi ka Matlhatso e supile fa Bakgatla ba santse ba somaretse ngwao.
Go ne go rena ngwao ka dipina, dikoma le kapari e Bakgatla ba ba tumile ka yone.
Mophato wa borre, o ne wa amogela baeng e bong mothusa Kgosi, Kgosi Bana Sekai le molalediwa wa tlotla, Kgosi ya Bakgatla ba Mosetlha, Kgosi Nchaupe Makapan III.
Fa bomme ba ne ba apere dikhiba tse di tala, ba bofile le ditukwi ba tshwere le dikala tsa ditlhare ba opela dipina tsa bakgatla tse gantsi di opelwang ka kaloso ya bojale.
Dipina tsa mephato ga di opelwe gongwe le gongwe gape ga di opelwe ke motho a sa rupa, ke ka moo e reng ga ba utlwa motho a opela ba botse gore ‘o lere mang’ ba raya gore o wa mophato ofe.
Leobo le go supa fa e le boremelelo jwa ditso tsa Sekgatla, fa merero yotlhe ya morafe e tlaa tshwarelelwang teng.
Kgosi Kgafela III o ne a tlhalosa fa go na le ditilo di feta lekgolo, mme e le tsa borara go tswa mo metseng yotlhe ya kgaolo ya Kgatleng, e e mo Botswana le kwa Afrika Borwa.
Go ya ka Kgosi Sekai, morafe wa Bakgatla o tswa kgakala ka mowa wa boipelego, ka jaana erile ka ngwaga wa 1921 go fitlha 1923, ga agiwa sekole, Bakgatla National School se mo nakong eno e leng ntlo ya ditso ya Phuthadikobo ka fa tlase gaga Kgosi Isang Pilane.
Leobo le, go ya ka muthusa kgosi, e tlaa nna bontlha bongwe jwa Phuthadikobo Cultural Precinct.
Go ya ka moitseanape wa ditso, Professor Christian Makgala, leobo le botlhokwa thata mo tsamaisong ya merero ya Setswana, e seng ya Sekgatla fela.
Merero yotlhe, go bolotsa letsema, go bolotsa mephato le e mengwe, e direlwa mo leobong.
Professor Makgala o boletse fa kwa tshimologong, leobo le ne le agiwa ka mapako.
A re fa dipaka di fetoga go ne ga nna le ditlhabololo, ga simololwa go rulelwa ka bojang.
Professor Makgala o ne a tlhalosa gore mapako a ne a emisiwa, go agiwa mabota mme ntse go rulelwa ka bojang.
E re le ntswa didirisiwa tsa go aga leobo di fetogile, go lebega ngwao ya go rulela ka bojang yone e santse e tsweletse, e le e e rategang.
O kopile gore le ntswa go agilwe leobo le lesha la manobonobo, go agiwe la mapako, go supegetsa dikokomane tse di tlang gore leobo la bogologolo le ne le ntse jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : TEBAGANO NTSHOLE
Location : MOCHUDI
Event : PULO YA LEOBO
Date : 13 May 2024