Breaking News

BCP e roma Tshenyego go nna ntlhopheng kwa Letlhakeng

13 May 2024

Phathi ya Botswana Congress e tlhomile  Rre Meshack Tshenyego go nna ntlhopheng wa bopalamente kwa kgaolong ya Letlhakeng.

Fa a rola Rre Tshenyego ka mafelo a beke kwa Letlhakeng, mothusa tautona wa BCP e bile e le mopalamente wa Bobonong Rre Taolo Lucas, o supile fa Rre Tshenyego a tlogetse phathi ee busang a sena go lemoga fa ba ka se fetole sepe.

O tlhalositse BCP e ikaelela  go tlhama ditiro di le 300 000 mo ngwageng tse tlhano.

Rre Lucas  o supile fa dipalo di supa fa batho ba le 275 000 ba batla ditiro, ba le 110 000 ba itlhobogile, banana ba le 47 000 ba alositswe mo dithutong  tsa  Degree le Diploma mme ba batla ditiro fa ba le 170 000 ba se gope fela. A re lefatshe leno le na le  ditswammung tse dintsi, a tlhalosa fa BCP e ka tlhamela  Batswana ditiro ka tsone. 

Rre Lucas o supile fa BCP  e ikaelela gore morago ga dingwaga tse pedi Motswana mongwe le mongwe a itlhatlhobele malwetse gore a tle a alafiwe bolwetse bo ise bo mo koafatse, a supa se se ka fa Batswana botsogo jo bo siameng. 

O Kopile Rre Tshenyego go tsena mo bathong go kopa tlhopho.

Fa a ntsha la gagwe ntlhopheng Rre Tshenyego o supile fa kgaolo ya Letlhakeng e nna e solofediwa go tsisediwa ditlamelo jaaka kokelo, ditsela, sekole se segolwane le go sielwa metsi a a tswang Gamononyana, mme tse tsotlhe ga gona se se dirilweng.

A re o na le tsholofelo  gore ba party e e busang ba tlaa mo  tlhopha ka jaana ba itatotse phathi ya bone, a bo a kopa gore ba mo tlhophe gore a fetole seemo sa botshelo kwa kgaolong eo.

Mopalamente yo o itlhophetsweng,  Mme Unity Dow o ne a supa fa ba sa bue le ma BCP fela, mme ba bua le batho ba kgaolo ya Letlhakeng yotlhe, a bo a supa fa kgaolo ya Letlhakeng e le lehuma ka jaana bana ba teng ba sa bereke.

O kopile Batswana go lebelela matshelo a babereki le ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, a supa fa matshelo a bone a sa kgatlhe ka jaana ba sa amogele sepe. 

O tlhalositse fa motho mongwe le mongwe mo lefatsheng la Botswana a tshwanetse go itse gore o na le tshwanelo mo lefatsheng la gagwe.  Mme Dow a re o tlogetse phathi e e busang a sena go lemoga fa pharologanyo ya bahumi le bahumanegi e golela pele.

Ntlhopheng wa kgaolo ya Gabane/Mmankgodi Rre Ofentse Mareme o tlhalositse fa a berekile le Rre Tshenyego kwa khanseleng ya Kweneng, mme a ne a rata go buelela batho ba Letlhakeng gore ga ba a duelelwa matlo a a ranyegileng fa go dirwa ditsela tse di mo gare ga motse.

O tlhalositse gore e ne e re fa a buelela batho ba gagwe a bo a kobiwa mo khanseleng, a bo a supa gape fa Rre Tshenyego a ne a bua thata ka kokelo e ba saleng ba e  solofediwa mme go ise go direge.

Rre Mareme o supile fa Rre Tshenyego e le moemedi yo ba ka mo ikanyang ka jaana a sa tshabe go ntsha lentswe la gagwe.

Fa a amogela baeng modulasetilo wa BCP kwa kgaolong ya Kweneng Rre Duke Molelekeng, a supa fa ba tlhomile baemedi mo dikgaolong tse lesome tse di teng.

O kopile gore banni ba Letlhakeng ba seegele  dipharologanyo tsa bone kwa thoko mme ba tlhophe BCP. Phathi e ne gape ya supa  bontlhopheng ba bokhanselara ba robabobedi ba ba tla emelang ditlhopho tsa setshaba monongwaga.

Fa a fa malebogo ntlhopheng wa bokhanselara wa kgaolo ya Botlhapatlou Mme Kedumetse Mabogo, a supile fa  go emela ditlhopho  go batla lerato le tlotlo, a supa fa e le tsone di ka ba kgontshang go fenya kgaolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Rally

Date : 13 May 2024