Breaking News

Banni ba rotloediwa go dirisa Chema Chema

12 May 2024

 Banni ba  Magotlhwane ba kgothaditswe go dira ka thata gore ba akole lenaneo la Chema Chema go ikopela madi go godisa dikgwebo tsa bone.

Mopalamente wa Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Magotlhwane bosheng.

 Rre Gare a re  keletso ya gagwe ke gore lenaneo la Chema Chema le  godise dikgwebo tsa banni ba kgaolo ya gagwe.

“Keletso ke gore le seka la salela kwa morago. Le seka la kgobega marapo le nne pelotelele gore le kgone go akola lenaneo,” ga tlhalosa Rre Gare.

A re puso e eletsa thata go bona bagwebi ba ba botlana ba na le seabe se se bonalang mo go godiseng itsholelo, a re seo se ka kgonagala fa bagwebi botlhe ba ka tsaa karolo.

Rre Gare a re go botlhokwa go dirisa mananeo a puso, a tlatsa ka gore lenaneo la Chema Chema le dirilwe motlhofo gore botlhe ba ba eletsang go godisa dikgwebo tsa bone ba atlege.

“Puso e dirile gore go ikopela madi go nne motlhofo. Le fa go ntse jalo baikopedi ba tlaa thusiwa gape ka dithuto tsa kitso ya kgwebo gore dikgwebo tsa bone di nne popota e bile di kgone go gola.

Le fa go ntse jalo, Rre Gare o  gakolotse banni gore ba tshwanetse go adima madi a ba itseng gore ba ka kgona go a busa.

“Go botlhokwa go tsepama mo maikaelelong a kgwebo tsa lona gore di kgone go dira sentle, ka jalo ke kopa gore le itekanye morwalo wa sekoloto gore le kgone go busa madi le sa sokole,” Rre Gare a tlhalosa.

Fa a ntsha la gagwe,  modulasetilo wa Khansele ya Moshupa, Rre Sonny Phiri a re puso e dira ka natla go rotloetsa le go thusa Batswana ba ba eletsang go iteka go tlhama le go godisa dikgwebo tsa bone.

Rre Phiri a re seemo seo se thusa go fokotsa seemo sa letlhoko la ditiro, ka bangwe ba tlaa bona ditiro mo dikgwebong tsa Batswana.

“Puso e leka thata go ntsha Batswana mo lehumeng le go  tsholetsa itsholelo ya lefatshe go nna e e kwa godimo e bile e itshetletse.

Mogolwane wa lekalana la CEDA kwa Kanye, Rre Bogosi Kaelo o kopile banni ba motse wa Magotlhwane go tsenya dikopo tsa go ikopela madi a Chema Chema gore ba kgone go tlhama kgotsa go godisa dikgwebo tsa bone.

Rre Kaelo a re ofisi ya gagwe ga ise e amogele kopo epe e e tswang kwa Magotlhwane mabapi le ikopelo ya madi ka lenaneo la Chema Chema, kgotsa a mangwe mananeo a a thusiwang ka madi ke CEDA.

Rre Kaelo o gakolotse banni gore ba dirise sebaka se go ikopela madi go bula dikgwebo ka lenaneo la Chema Chema, a supa fa le le motlhofo, e bile le le bogadi bo gaufi.

“Go fitlha gompieno, re setse re thusitse batho bale 82 ka  madi a kana ka P963 552 mo lenaneong la Chema Chema,” ga tlhalosa Rre Kaelo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : MAGOTLHWANE

Event : kgotla meeting

Date : 12 May 2024