Breaking News

Ba robabobedi ba tsene mo lenyalong ka Re A Nyalana

12 May 2024

Baratani ba ba nnang mmogo basa nyalana ba rotloeditswe go ikwadisa mo lenaneong la Re a Nyalana.

Se se builwe ke mookamedi wa lenaneo la Re a Nyalana, mme Annah Morwaagole fa ane a bua kwa moletlong wa go nyadisa baratani ba robabobedi ka lenaneo leo kwa kgotleng ya Kgomodiatshaba bosheng.

A re nyalo e dira gore baratani ba nne le seriti le go godisa bana mmogo.

O kaile fa lenaneo la Re a Nyalana le tiisa malwapa e bile le tlhomamisa gore bana ba golela mo malapeng a a nonofileng.

Mme Morwaagole a re tshwaragano ya Re a Nyalana Society le ba Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae e gwetlhilwe ke go bona batho ba nna mmogo ba sa nyalana mme morago fa yo mongwe a tlhokofala kgotsa ba nna le dikgogakgogano go tlhoke molao o o ka ba sireletsang.

A re batho ba ba nyadisiwang ka lenaneo le, ga ba farologane gope le ba ba nyadisitsweng ka lenyalo la molao wa setswana, a kopa batho go emisa go dirisa mafoko a a kgobang mo banyalaning ba Re A Nyalana.

Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa Kgatleng, mme Semakaleng Palai o supile fa lenyalo ele thito ya malwapa e bile le na le bokao jwa go aga le go bopa setshaba.

A re e re ka malwapa a le mantsi a wetswe ke seru sa kgokgontsho ya bong le tiriso botlhaswa ya bana, puso e tlaa netefatsa gore malapa a tlamelwa ka dikitso tse di maleba gore banyalani ba kgone go aga malapa a a tiileng.

Mme Palai a re se,  se ka hema maitsholo a a sa siamang a tshwana le kgokgontsho tse di diragalang mo malwapeng.

O tsweletse a re ntswa Re A Nyalana e nyadisitse Batswana ba feta 7 000, ga go ise go nne le dipalopalo tse di supang fa banyalani ba lenaneo le ba kgaogane kgotsa go na le dikgang tsa kgokgontsho mo malapeng, a supa fa dithuto tse banyalani ba di neelwang pele le morago ga lenyalo di le mosola fela thata.

O supile fa palo ya banyalani ba Kgomodiatshaba e nametsa, a leboga baratani ba ba ikiteileng sehuba go aga malapa a bone e bile ba lemoga botlhokwa jwa go dira seo.

Fa amogela baeng, Kgosi Peter Kgakole, o rotloeditse ba ba eletsang go nyalana go dirisa lenaneo gore fa mongwe wa baratani a ka tlhokafala, bana ba seka ba iphitlhela ba iphotlhere.

Kgosi Kgakole o latofaditse dipuo tsa gore lenyalo la mofuta o ga le na boleng, a tlhomamisa fa lenyalo le le tshwana fela le manyalo a mangwe.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : KGOMODIATSHABA

Event : RE A NYALANA

Date : 12 May 2024