Lelwapa ke konokono mo motheong wa lefatshe- Makwinja
12 May 2024
Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane e bile e le mothusa tona wa Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso Mme Nnaniki Makwinja a re lelwapa ke konokono mo motheong wa lefatshe.
O buile se kwa tshimolodisong semmuso ya mokgatlho wa Basadi BoMme kwa Mmatseta ka Matlhatso.
O akgotse basimolodisi ba mokgatlho oo a tlhalosa fa maikaelelo magolo a mokgatlho e le go aga setshaba sa lefatshe leno mme ba dira jalo ka go simolola kwa moding ka go aga le go nonotsha malwapa selo se a kaileng fa maikaelelo a mokgatlho, a tsamaelana le a lefatshe leno ka a tlhalosa gore fa lelwapa le sa tshwaragana ga gona jaaka fa lefatshe le ka tshwaragana.
“Bomme ba aga motse e bile ba aga setshaba,” Mme Makwinja a gatelela jalo e bile a sedimosa fa dipalo di supa fa masome a marataro le botlhano mo lekgolong e le malwapa a a eteletsweng pele ke bomme mo lefatsheng leno.
A re bomme ke bone bontsi jwa bone bo filthelwang kwa dikerekeng, mo mekgatlhong kgotsa dikomiti ka go farologana e bile e le barotloetsi bagolo le mo mekgatlhong ya sepolotiki, a tlhalosa fa se, se sesupa fa bomme ba tshegeditse lefatshe e bile ba ka tshepagala ka jaana ba supile e le ruri gore ba godisitse bana ba ba itsetsepetseng. Ka jalo a re bomme ba ka ikanngwa ka go aga setshaba se se ka elediwang ke mafatshe a mangwe.
Mme Gorata Ntshwabi go tswa kwa lephateng la tsa merero ya tsa bong mo kgaolong ya Kweneng e bile gape e ne e le ene sebui sa tlotla sa letsatsi o akgotse bomme ka tiro e ba e dirang le ntswa ba na le boikarabelo jo bo kalo jo ba bo rweleng mo sechabeng.
O ba tsibositse ka kgokgontsho ya bong e ga ntsi e babalelang bomme e jaanong e apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba. A re go tsaya dikobo ka dikgoka go supafetse fa go babalela bo Mme thata.
A re kgang e nngwe e e tshwenyang thata ke ya bana ba ba tsenngwang mo tlhakanelong dikobo pele ga nako. O kopile bomme go ela kgang e tlhoko ka jaana e leng bone ba ba tlhokometseng bana. Ar e dititeo le kgokgontsho ya maikutlo le tsone ke dingwe tsa dikgang tse di tshwenyang thata ka le tsone di babalela bo Mme.
O rotloeditse bomme go ikitaya ka thupana go tokafatsa itsholelo ya malapa ka tsotlhe tse ba ka dikgonang ka go dira jalo go ka hema dilo tse di ntsi tse di babalelang bo Mme. O ba rotloeditse go tlhagafalela go tsaya mananeo a puso ka go farologana go inamola lehuma. O ba rotloeditse go re ba tsholetsane mme ba tlogele go gagautlhana, ka mosadi a ka tsholetswa ke yo mongwe.
Le fa go ntse jalo o rotloeditse morafe le sechaba ka kakaretso go tsholeletsa le go isa serodumo sa mokgatlho wa Bo Mme Basadi kwa godimo.
Fa a tswa la gagwe Kgosi wa Mmatseta Kgosi Robert Sebego o ne a iteela mokgatlho legofi, a supa fa bomme ba mokgatlho oo ba dirile go tle gontsi ebile a ba rotloetsa go sa inyatsa ka tiro e kalo e ba e dirileng, a supa fa tiro eo e tlaa ba tlotlomatsa le mo dichabeng khutlong tse nne tsa lefatshe leno.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MMATSETA
Event : kgotla meeting
Date : 12 May 2024