Mapodisi a tlhotlhomisa ditiragalo tsa dintsho tse tharo
12 May 2024
Mapodisi a Molepolole ba re ba tshwenngwa ke dipolaano tsa marato tse di tsweletseng ka go golela pele mo kgaolong ya bone ya sepodise.
Fa a bua mo potsolotsong ka Labotlhano, Assistant Superintendent Motshwari Mokamogo a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa kgotla ya Mokgalo kwa Molepolole a gapetseng mme wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi botshelo, a bo a gobatsa rre yo o dingwaga tse di masome a mane le bobedi mme morago a ikgapela botshelo kgwedi eno e le boferabongwe.
Assistant Superintendent Mokamogo a re e ne ya re makuku a Labone ba amogela pego ya gore mme mongwe kwa kgotleng ya Senyedimane kwa Molepolole o rapaletse fa thoko ga tsela, go supega fa a na le dikgobalo. A re mapodisi ba ne ba tsibogela seemo seo, mme ba ragosetsa mme yoo kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa go fetilweng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse, fa wa rre ene a ne a alafelwa dikgobalo mme a gololwa.
Assistant Superintendent Mokamogo a re ba ne ba bolotsa letsholo la go batla mmelaelwa mme ba fitlhela a setse a ikgapetse botshelo mo ntlong e a neng a nna mo go yone kwa kgotleng ya Mokgalo.
O ne gape a tlhalosa fa ditopo tse ka bobedi di santse dile mo diatleng tsa sepodisi go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.
Assistant Superintendent Mokamogo o rotloeditse setshaba go nna ba kopa dithuso tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo fa ba gateletswe ke diemo.
O tsweletse a tlhalosa fa ofisi ya bone e na le lekalana le le haphegileng le le itebagantseng le kgokgontsho ya bong le tshidilo maikutlo, ka jalo a kopa setshaba go e dirisa.
Mo go tse dingwe a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa kgotla ya Magokotswane a neng a ikgapela botshelo.
A re setopo sa mosetsana yoo se emetse go tlhatlhobiwa ke ba bongaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : Molepolole
Event : POTSOLOSO
Date : 12 May 2024