Tlhokomelo ya ngwana boikarabelo jwa batsadi
12 May 2024
Tlhokomelo ya ngwana ke boikarabelo jwa batsadi joo bobedi, e bong rrangwana le mmangwana.
Ka jalo batsadi ba kgothadiwa go itse botlhokwa le go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana.
Fa a bua le banni ba Kutamogoree kwa moletlong wa itshidilo mmele, Sub Inspector Goitsemodimo Mogale a re ofisi ya gagwe e amogela dikgang tsa batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana di le dintsi go tswa kwa Kutamogoree.
A re se se ngomolang pelo ke gore gangwe le gape o fitlhela bana ba ba saleng ba botlana, e le bone batlhokomedi ba bana ba bangwe.
Sub-Inspector Mogale a re bontsi jwa nako, batsadi ba nna kwa marekisetsong a nnotagi ba sena nako ya go bona gore bana ba tlhotse jang, ba jele eng le gore ba ya go robala fa go ntseng jang.
O gakolotse batsadi ba go re go tlhoka go tlhokomela ngwana ke molato o motsadi a ka lefisiwang kgotsa a isiwa kgolegelong.
Ka jalo, o ba kgothaditse go tsaya boikarabelo jwa kgodiso ya bana ka tlhwaafalo.
O supile fa go na le batsadi ba ba itlhokomolsang tlhokomelo ya bana fa lerato le fedile. A re kgaogano kana go fela ga lerato ga go amane ka gope le tlhokomelo ya bana.
“Le le mmogo kgotsa le kgaogane, le tshwanetse go tswelela ka go tshwaraganela boikarabelo jwa go tlamela le go tlhokomela bana,” Sub Inspector Mogale a tlhalosa.
A re botsadi joo bobedi bo tshwanetse jwa dira tumalano ya gore bana ba nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya ga mang mme yo mongwe a tswelele ka go thusa go ba tlamela le go ba tlhola.
Sub Inspector Mogale a re go nna le lenaneo go botlhokwa ka go dira gore ngwana a gole sentle go sena diphapang ga reng ga botsadi.
Moletlo wa itshidilo mmele o ne o rulagantswe ke baithuti ba sekole sa ithutelo booki sa Serowe Instutition of Health Sciences ba ba direlang ka nakwana kwa Kutamogoree.
Moemedi wa baithuti ba booki, Mme Kefilwe Boitumelo a re ba itemogetse gore bontsi jwa bana ba tlhaela dikotla, mo go bakwang ke go tlhoka go ja sentle.
Mme Boitumelo a re seemo seo se ba supeditse gore bangwe ba batsadi ba tsaya nako e ntsi ba le kwa marekisetsong a bojalwa, mme morago ba palelwe ke go direla bana dijo ka fa go tshwanetseng.
A re tiriso botlhaswa ya nnotagi ke selo modiro kwa Kutamogoree, mme seo se ame tlhokomelo ya bana.
O supile gore sengwe sa tse di tshwenyang ke gore bangwe batsadi ba ba tsayang dipilisi tsa mogare wa HIV ba felela ba sa di nwe sentle, ka jalo se ame botsogo jwa bone le boleng jwa go ka kgona go tlhokomela le go tlamela bana.
Ka jalo, o ba kopile go fetola boitshwaro, maikutlo le dikakanyo gore ba kgone go fetola matshelo a bone le go sala morago ditaelo tsa ba botsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : KUTAMOGOREE
Event : moletlo wa itshidilo mmele
Date : 12 May 2024