Dipolaano tsa marato di a tshwenya
11 May 2024
Mapodisi a Molepolole a tshwenngwa ke dipolaano tsa marato tse di tsweletseng ka go golela pele mo kgaolong ya bone ya sepodisi.
Fa a bua mo potsolotsong le ba BOPA ka Labotlhano mongwe wa bagolwane, Assistant Superintendent Motshwari Mokamogo a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa kgotla ya Mokgalo mo Molepolole a neng a gapela mme wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi botshelo a bo a gobatsa rre wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi mme morago a ikgapela botshelo kgwedi eno ele boferabongwe.
ASP Mokamogo a re e ne ya re mo maphakeleng a Labone ka nako ya botlhano ba amogela pego ya gore mme mongwe o bonwa fa thoko ga tsela a na le dikgobalo kwa kgotleng ya Senyedimane mo Molepolole.
A re mapodisi a ne a tsibogela seemo seo, mme yoo a ragosediwa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone kwa go neng ga rurifadiwa fa a sa tlhole a le mo botshelong, fa wa rre ene a ne a alafelwa dikgobalo abo a gololwa.
ASP Mokamogo a re ba ne ba bolotsa letsholo la go batla mmelaelwa mme ba fitlhela a setse a ikgapetse botshelo mo ntlong e a neng a nna mo go yone mo kgotleng ya Mokgalo.
O ne gape a tlhalosa fa ditopo ka bobedi di santse dile mo diatleng tsa mapodisi go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.
ASP Mokamogo o rotloeditse setshaba go nna ba kopa dithuso tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo fa ba gateletswe ke diemo.
O tsweletse a tlhalosa fa ofisi ya bone e na le lekalana le le itebagantseng le kgokgontsho ya bong le tshidilo maikutlo, ka jalo a kopa setshaba go dirisa ofisi eo.
Mo go tse dingwe ASP Mokamogo a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa kgotla ya Magokoswane a neng a ikgapela botshelo. A re setopo sa mosetsana yoo se emetswe go tlhatlhobiwa ke ba bongaka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : potsolotso
Date : 11 May 2024