Banni ba kopa puso go tsibogela kgang ya molelwane
09 May 2024
Banni ba motse wa Mokatse ba kopile puso go tsibogela kgang ya bone ya molwelwane wa metse ya Mokatse le Modipane.
Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule ka Labobedi, ba boletse fa motse wa bone o le ka fa mosing ka jaana o golaganngwa le wa Modipane.
Kgosi ya motse wa Mokatse, Kgosi Keabetswe Molefe o boletse fa go akarediwa ga Mokatse mo Modipane go kgoreletsa ditlhabololo go goroga kwa motseng wa bone.
A re ba ngongoregela go bo dipalo tsa batho ba Mokatse di tsentswe mo motseng wa Modipane ka palo-batho e e fetileng, ka jaana ditlamelo tsa puso le ditlhabololo di sekamela kwa Modipane.
A re kgang e, ga e ba jese diwelang ka jaana motse wa Mokatse o na le dipalo tse di kwa godimo, tse di ka thusang puso go ba akanyetsa mo ditlhabololong.
Le fa gontse jalo, Kgosi o kgothaditse banni gore ba seke ba fela pelo ka kgang e, a bolela fa ntwa kgolo e le ya molomo.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Pule, yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, o boletse fa kgang ya molelwane e santse e le kwa bogosing. A re banni ba tla a itsisiwe ka tshwetso e e tserweng mabapi le gore metse e mebedi eo, e kgaogana fa kae.
O kopile banni go dirisa mananeo a puso go tokofatsa matshelo a bone le go direla Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko. A re puso e tshwere ka natla go thusa Batswana ka mananeo a a ka thusang Batswana go ipelega.
Rre Pule o gateletse botlhokwa jwa go dirisa mananeo, a tlhalosa fa go ikaega ka mananeo a nakwana go ka seka ga isa lefatshe la Botswana gope.
A re mananeo a tshwana Chema Chema, Temo letlotlo le Thuo letlotlo a ka tsholetsa dikgwebo tsa Batswana.
Mopalamente o ba rotloeditse go ikwadisetsa ditlhopho tsa poelelo e e tlang ka kgwedi ya Motsheganong a le 20 go fitlha di 31 ka dipalo tse di kwa godimo.
Mo go tse di buisantsweng kwa Palamenteng, o boletse fa go okeditswe dikatso tsa ba komiti ya ditlhabololo tsa motse le bagodi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Otsile Modise
Location : MOKATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 May 2024