Breaking News

Mapodisi a itlama go lwantsha bogodu

09 May 2024

Banni ba Chanoga le metse e e mabapi ba kopilwe go dirisanya mmogo le mapodise go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo golelelang pele mo kgaolong.
Seo se builwe ke mookamela lekalana la Anti-Stock Theft mo kgaolong ya District No.5, Senior Superintendent Samuel Mosipi jaaka a ne a rola semmuso setlhopha sa mapodisi a le lesome a a tlaa bong a nna mo Chanoga e le maiteko a go atumetsa morafe ditlamelo gaufi bosheng.

Setlhopha se, se tlaa bo se diragatsa lenaneo la kgomo khumo mo kgalong ya bokone Bophirima, sebaka sa kgwedi tse tharo.
Le fa go ntse jalo, banni ba gwetlhilwe go beraka le bone ka nako tsotlhe ka go ba loma tsebe ka jaana e le bone ba itseng kgaolo ya bone botoka.

A re fa ba dira ba le seopo sengwe ba ka fedisa bogodu jwa leruo jo bo sa jeseng barui diwelang ka jaana dilalome di tsweletse ka go ba amoga leruo la bone. A re leruo ke konokono ya itshetso ya Batswana ka jalo go botlhokwa go thibela bogodu jwa leruo. A re go sa emele kgang eo ka dinao go ka phutlhamisa itsholelo.

Banni ba kopilwe gape go bega ditiragalo tsotlhe tsa borukutlhi ka nako gore di tsibogelwe ka bofefo a supa fa tiro ya sepodisi e se go lwantsha borukhutlhi fela, gape ba itlamile go sireletsa batho le dithoto tsa bone.
Mookamela mapodise a District No. 5, Senior Superintendent Onious Madziba o ne a tlhalosa fa e se la ntlha lenaneo la kgomo-khumo le diragadiwa mo kgaolong a supa e le lekgetho la borobabobedi le ntse le diragadiwa.

O boletse fa setlhopha seo se tla bo se lebeletse motse wa Chanoga le metse e e mabapi, mme a ikuela mo morafeng go ba ema nokeng gore ba kgone go fitlhelela maitlamo a bone.
“Re beile pele lentswe la Batswana ke ka moo re boneng go tshwanela go ba atumeletsa ditlamelo. Ke lo solofetsa gore re ikemiseditse go tokafatsa dithuso tse re di fang Batswana go ya pele,” a supa jalo.

Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba amogela setlhopha seo ka mabogo oo mabedi ba bo ba supa fa ba tla a ba ema nokeng mo tirong ya bone.
Ba lebogetse sepodise go reetsa selelo sa bone ka go busetsa kgomo- khumo mo kgaolong.

Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga o a kgotse maiteko a mapodisi.
A re setlhopha se gorogile kgwedi e e fetileng mme maiteko a bone a tswa motlhala ka jaana ba setse ba tshwere dilalome dingwe tse di tlhorontshang barui. O rotloeditse banni go tswelela ba dirisanya le bone go fenya ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaolethoo Kgatitswe

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 May 2024