Breaking News

Ba Metsimantle ba kopa go ikemela

09 May 2024

Banni ba Metsimantle mo kgaolong ya Ncojane ba kopa puso go tlhomamisa  motsana wa bone go nna motse o o ikemetseng.
Ba buile jalo, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai bosheng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Magdaline Seitsang o ne a tlhalosa fa go le dingwaga ba tsentse kopo gore motsana wa bone o ntshiwe ka fa tlase ga  motse wa Ncojane ba kgone go ikemela.
A re go tlhoka go tlhomamisiwa ga motsana wa bone go ba baya ka fa mosing ka ba tlamega go latela ditlamelo  di tshwana dikwele, bongaka le maranyane a ditlhaeletsanyo kwa Ncojane le Charleshill.

A re kgaoganyo e, e tla thusa go diragatsa maitlamo a puso a go atumeletsa batho ditlamelo gongwe le gongwe kwa ba leng teng.
Fa a tswa la gagwe, molaodi wa ditlhabolo Rre Tebogo Mekwe, o ne a supa fa ba amogetse kopo ya banni ba Metsimantle.

A re ka maswabi, palo ya banni e santse e le kwa tlase ga seelo se se beilweng ka jaana, dipalo tse di tlhomamisitsweng ka palo ya batho ya 2022 e le 187.
Fa a tlhalosa go ya pele, a re go ya ka molao o o dumelanweng ke puso le ba-na-le seabe wa go tlhomamisa motse, palo ya batho e tshwanetse go simolola fa go 500 go ya kwa godimo.

A re go le gantsi, molao o lebelela dintlha di le mmalwa, nngwe ya tsone e le ya palo ya batho.
Ka jalo, Rre Mekwe o ne a ba rotloetsa gore ka nako ya palo batho, banni ba netefatse gore ba balelwa mo metseng ya bone a tlhalosa fa ditlhabolo tsa metse di dirwa go lebilwe dipalo tsa batho mo lefelong leo.

Fa a ba ema ka lefoko, mopalemete wa kgaolo Rre Motsamai, o ne a ba gwetlha go akola mananeo a puso a itshetso fa go santse go mekamekanwe le dikgang tsa go latedisa ditshekatsheko tsa go tlhomamisiwa ga motse wa bone.
 A re go tsaya mananeo a puso go tla ba thusa go dira dikgwebo tse di farologanyeng tse di ka tsamaisanang le kgaolwana ya bone, tse ka tsone di ka hetlhang diphatlha tsa mebereko go fetola matshelo a banni ba motsana oo.
O ne  a gwetlha banana go itlhoma kwa  pele  ka go akola mananeo le go tsaya boikarabelo ka ditirelo tsa bone, go fetola seemo sa letlhoko la ditiro se se  amileng banana.

 Rre Motsamai o ne a ba rotloetsa go nna le seabe mo go godiseng itsholelo ya kgaolwana ya bone, a re go tla thusa go godisa itsholelo ya lefatshe ka bophara,  mme puso e nne le tshiamelo ya go kgona go atolosa ditlhabololo ka bokete go ralala dikgaolo tsa lefatshe leno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : METSIMANTLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 May 2024