Monna o tlaa arabela molato wa go dirisa ngwana
07 May 2024
Mapodisi a Middlepits a tshegeditse rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi go thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go tlhakanela dikobo le ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi kwa Khawa.
Go ya ka mookamela mapodisi a Middlepits, Superintendent Kebadire Mmopi rre yoo, o o tlholegang kwa Maun o ne a tlhakanela dikobo le ngwana wa sekole yo o dingwaga tse di lesome le bosupa e bile e le moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepits, kgwedi eno e tlhola gararo kwa Khawa ka nako ya Khawa Dune Challenge and Cultural Festival.
O boletse fa e tla a re mo bogaufing mmelaelwa a isiwe fa pele ga lekgotla mme fa a ka bonwa molato o ka atlholwa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegeleong.
Mo go e nngwe o ne a tlhalosa fa e ne ya re ka nako ya mabelo a dikoloi teng kwa Khawa ka matlhatso dikoloi tsa modiro wa Son Master tse pedi di ne tsa thulana le koloi ya Hilux e mokgweetsi wa yone a neng a tswa morakeng. A re mokgweetsi o ne a seka a obamela ditaelo tsa molaola dikgaisano tseo.
Superintendent Mmopi o boletse fa dikoloi di ne tsa senyega mme bapalami ba tsone ba ne ba faolola ka bobi jwa segokgo.
O boletse fa gape go ne ga diragala kotsi e mo go yone teraka e neng e pegile dikammela tse thataro e ne ya pitikologa morago ga go thunya leotwana mo tseleng ya Khawa dikhilomethara di ka nna masome a mabedi pele ga Khusi.
O ne a tlhalosa fa dikammela di le tharo di ne tsa swela foo fa mokgweetsi wa dingwaga tse di masome a mane le botlhano ene a ne a isiwa kwa kokelong a thusiwa mme a gololwa.
Superintendent Mmopi o ne a gakolola bakgweetsi go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang mo tseleng ya Khawa ka e le makgwarapa le dikhuti, e bile e na le diphologolo. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa moletlo wa Khawa Dune Challenge and Cultural Festival o ketikilwe sentle ka tshologelo e ntsi ya batho fa go tshwantshanngwa le ngwaga oo fetileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Khawa
Event : Potsolotso
Date : 07 May 2024