Kotsi e gapile botshelo kwa Omaweneno
07 May 2024
Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a tlhokafetseng morago ga go bona kotsi ya koloi e e masisi kwa Omaweneno mo kgaolong ya Tsabong.
Go ya ka mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Assistant Superintendent Johnson Gaolaolwe monna yoo wa dingwa tse di masome a mane le boferabongwe (49) o tlhokafetse mo tseleng ya A20 bosigo jwa Labone.
O boletse fa mapodisi ba ne ba begelwa tiragalo eo kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi morago ga nako ya lesome le bongwe bosigo, mme ba ragogela teng ba feta ba isa monna yoo le ba a neng a na le bone mo koloing eo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
Asistant Supt Gaolaolwe a re kotsi eo e ama koloi e le nngwe ya modiro wa Toyota Hilux single cab e e neng e pegile bapagami ba le bane, eleng ba le bararo ka kwa pele fa a le mongwe ene yo o tlhokafetseng a ne a palame ka kwa morago.
Go bolelwa fa koloi eo e ne e tswa Jwaneng e ya kwa moletlong wa Khawa Dune Challenge and Cultural Festival mme ka go tlhoka lesego mosepele wa felela mo Omaweneno.
A re mokgweetsi o ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi eo fa gare ga motse wa Omaweneno fela fa tsela e itsoketsang teng mme koloi ya sutlhelela mo sekgweng.
“Moswi o ne a pagame kwa morago ga koloi le dithoto mme o ne a bona dikgobalo tse di masisi a latlhegelwa ke botshelo, fa mokgweetsi le bapagami ba le babedi bone ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana mme mapodisi ba ne ba ba ragosetsa kwa kokelong mme ba feta ba gololwa go itheetsa.”
Assistant Supt Gaolaolwe a re mo nakong eno ditlhotlhomiso di tsweletse mme di setse di sedimositse fa moswi a tlholega kwa Ranaka mme go bolelwa fa e ne e le mongwe wa dikgosana tsa motse wa Ranaka mo kgotlaneng ya Macheng.
E re dikgang di eme jalo, Assistant Supt Gaolaolwe o tlhalositse fa e ne ya re letsatsi le le latelang ba amogela pego e nngwe e mokgweetsi wa koloi eo a neng a bolela fa dithoto tsa bone di se mmogo mme di belaesega di utswilwe bosigogare pele ga mapodisi ba goroga.
Mookamela mapodisi a pharakano mo Tsabong o ne a tlhalosa gore ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse mme ba setse ba tshwere bangwe ba ba iphileng dilwana tseo. A kopa gore ope wa banni ba motse oo yo o ka tswang a ne a raelesega go ipega fa pele ga mapodisi go busa dilwana tseo tse go bolelwang fa tshoboko ya madi a tsone e le P13 000.
Rre Gaolaolwe o ne a kopa banni ba Tsabong le setshaba ka kakaretso go kgweetsa ka kelotlhoko le go obamela matshwao a tsela.
O tlhalositse jalo gore go botlhokwa gore ba nne le kelelelo ya go bala matshwao a tsela kana tikologo ya tsela ka kakaretso ka diphologolo di nna mo tseleng.
Assistant Supt o gakolotse setshaba kgatlhanong le go tsaya dithoto tsa batho mo dikoloing fa di amegile mo dikotsing tsa tsela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : OMAWENENO
Event : Potsolotso
Date : 07 May 2024