Lekalana la CEDA le tlaa bula diofisi tsa nakwana
07 May 2024
Lekalana la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA), le tlaa bula diofisi tsa nakwana kwa Letlhakeng le Sojwe e le tsela nngwe ya go thusa bagwebi ba babotlana go akola lenaneo la Chema Chema,.
Se se boletswe ke modiri wa lekalana leo, Mme Neo Kgaodi mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Takatokwane, Rre Tshoganetso Leuwe kwa Motokwe le Tsetseng bosheng.
Mme Kgaodi o ne a kopa bagwebi ba dikgaolo tseo le tse di mabapi go dirisa diofisi tsa CEDA tsa nakwana ka botlalo.
A re thulaganyo e ke go kgaolela bagwebi mesepele go latela dithuso tsa Chema Chema kwa Molepolole.
O ne a tlhalosa ka lenaneo la Chema Chema la go adima bagwebi ba babotlana madi le le tsamaisiwang ke CEDA le LEA boemong jwa puso.
A re go maleba gore lenaneo la Chema Chema le bo le tsamaisiwa ke CEDA ka e tswa kgakala e dira le bagwebi ba babotlana e bile maduo e le a a nametsang.
Mme Kgaodi o tlhalositse gore mogwebi o ka adima madi go reka setoko mme a a buse mo dikgweding tse thataro kgotsa go reka didirisiwa tsa kgwebo, mme a a buse mo ngwageng.
A re fa motho a sa bereke kgotsa a amogela madi a a sa feteng P4 000 ka kgwedi, o tshwanetswe ke lenaneo le.
A re banyalani ba letlelelwa go adima madi a Chema Chema mme ga ba kake ba adimela kgwebo e nngwefela, a a fa sekai sa gore yo mongwe fa a kopela go rua dikoko yo mongwe o ka adimela semausu.
Mongwe le mongwe o ka ikopele go sa kgathalesege gore o kile a thusiwa ka lenaneo lepe la puso, jaaka Letlhabile, Mabogo Dinku, le fa a na le melala kwa morago o ntse o ka akola Chema Chema.
A re puso e dumela gore go godisa mogwebi yo mmotlana kgabagare o ka nna le seabe mo go godiseng itsholelo ya Botswana.
O tsweletse ka go re lekalana la CEDA le dira ditshekatsheko tse di tseneletseng mme kwa bofelong ba thuse mogwebi ka fa go tshwanetseng ka teng, ba ntse ba etse tlhoko gore ga ba rwese mogwebi morwalo wa sekoloto o a ka sekeng a o kgona.
O ne a supa gore ikwadisetso lenaneo le, e simolola kwa lekalaneng la LEA kwa baikopedi ba rutuntshiwang teng ka go gweba.
Tse di tlhokafalang go thusiwa ka lenaneo le ke gore moikopedi a bo a na le pampiri ya ikopelo le go moriti wa Omang yo o rurifaditsweng.
A re moikopedi o tshwanetse go tsisa teseletso ya go gweba fa e le gore o ntse a le mo kgwebong mme fa a sena nayo o ka dira maikano go netefatsa seo, fela jalo le yo o simololang kgwebo.
Ba ba ntseng ba gweba a re ba tsise bosupi jwa kgwebo jaaka dibuka tsa madi le bosupi jwa theko ya setoko.
Mo godimo ga moo a re moikopedi o patelasega go tlatsa pampiri ya go supa gore ke mang, o nna kae le gore motswedi wa gagwe wa madi e ntse e le neng (KYC).Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : TSETSENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 May 2024