Dirisang mananeo - Molebatsi
07 May 2024
Nako ya gore Batswana ba bo ba santse ba ruela go jela mo ganong e fetile mme go tlhokega gore ba ruele kgwebo.
Go ya ka Mopalmente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, lenaneo la Thuo Letlotlo le rotloetsa setshaba go rua mo go nang le boleng mme ba thusiwa ke puso ka tse di tlhokafalang.
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla ka Labotlhano kwa Tshokwe le Robelela, kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Molebatsi yo e bileng e le mothusa tona wa Temo Thuo a re Batswana ba nne lefufa ka matshelo a bo ne, ka go dira jalo, go ka dira gore ba nne le lenyora la go tsaya mananeo.
A re ka lenaneo le, puso e tlaa thusa batho go epa didiba le go epolola matamo, go reka melemo e e tshwenyang leruo le go reka dijo.
Le fa go ntse jalo o ba rotloeditse go seka seka gore se ba se batlang ke se ba nang le kgatlhego mo go sone ka ga se botlhe ba ba ka ruang, bangwe ba ka tsena mo temong ya dijo tsa leruo mme ba bo ba ka rekisetsa barui.
O file sekai ka phane a tlhalosa fa e na le dikotla tse di siametseng leruo mme a ba rotloetsa go ikopanya go tsena mo thulaganyong ya go itshimolodisetsa kgwebo ka yone ba bo ba kope thuso mo pusong.
A re Temo Letlotlo e tlhoka fela gore motho a bo a itlamile go tlhokomela se a se neetsweng a tlhalosa gore pele motho a ka neelwa lenaneo, go ya go dirwa ditshekatsheko go tlhomamisa gore kwa a yang go ruela teng go siametse thuo.
Rre Molebatsi a re se se monate ka lenaneo ke gore bomme, banana, bana-le-bogole le ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo ba tlàa thusiwa mo go haphegileng.
O ba rotloeditse go rua dikoko ka go setse go na le matlhabelo mo kgaolong ya bone a a yang go tlhoka go tlhaba dikoko tse dintsi.
E rile ba a kgwa mopalamente dikgaba, mongwe wa banni, Rre Leaname Sekai o kopile go re e re ba abela batho leruo, ba bo ba oketsa le mapodisi ka gore bogodu bo ya go oketsega.
Le fa go ntse jalo banni ba ledile ka tlhaelo ya mafudiso le metsi mo kgaolong ya bone.
Rre Onthusitse Serolo o tlhalositse fa lenaneo la Temo Letlotlo le rokotsa mathe ka le tshwere go le go ntsi mo go neelang motho sebaka sa go seka seka se e ne a ka bonang se ka mo tswela mosola.
A re lenaneo la tshugo ya matlalo le ne le ka sologela motse wa bone molemo ka dikago di setse di le teng.
A re go ya ka ditshekatsheko tse di setseng di dirilwe, baagi ba yone ba ne ba seka ba sala tsamaiso ya kago morago go ya ka fa e neng e tshwanetse go nna ka teng mme se e le poelo morago mo go tlhabologeng ga motse wa bone ka e ka se tlhole e dira tiro e e e agetsweng.
Mme Banuku Kgosietsile go tswa kwa Robelela a re go botlhokwa gore lenaneo la Thuo Letlotlo le seka la kgaphela bomme kwa thoko ka le bone ba na le bokgoni jwa go rua le go tlhokomela.
Kgosi Mosetsana Lekanang wa kgotla ya Moseki kwa Robelela o rotloeditse banni go inaakanya le mananeo a puso ka e le o ne a a ka ba thusang manokonoko a lehuma. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : ROBELELA/TSHOKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 May 2024