Breaking News

Kereke ya UCCSA e abela baithuti ditlhako

06 May 2024

Mokgatlho wa Young Adults Ministry (YAM) wa kereke ya UCCSA o supile kutlwelobotlhoko le lorato ka go abela baithuti ba sekole sa Tsabong dipara tsa ditlhako tsa sekole di le makgolo a mabedi, lesome le boroba bongwe.
Kabo ya dimpho tseo e dirilwe ka bosheng kwa Tsabong. Modulasetilo wa YAM, Mme Nelly Libalamwe o tlhalositse gore mokgatlho wa YAM o ipelela dingwaga tse di lesome o ntse o le teng ka jalo ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba dumalana ka bongwefela jwa pelo go tlogela motlhala fa ba tshwarelang teng bokopano.


O tlhalositse gore ba dirile jalo ba sena go lemoga fa gona le baithuti ba ba tswang kwa malwapeng a itsholelo e e kwa tlase, ka jalo go tlhaelelwa kana go tlhoka paka ya sekole go ka dira gore ba kotlomele maikutlo mme seo se ame thuto ya bone.


Mme Libalamwe a re dimpho tseo di tla tiisa baithuti moko ka jalo ba tlhwaafalele go dira ka natla mo dithutong tsa bone.


A re bakeresete ba tshwanetse go nna sekao, mme ba bonwe ka ditiro tse di molemo le tsotlhe tse di amolesega mo setshabeng. A re thero ya lefoko la Modimo e tshwanetse ya patiwa ke go dira bomolemo mo setshabeng.
Sebui sa tlotla sa letsatsi,  Rre Mock Ntau o  phophothile ba kereke legetla ka se ba se dirileng, ka gore ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka go abela baithuti ba sekole se se botlana sa Tsabong.


Rre Ntau a re ya UCCSA e tswa kgakala a tshwaraganye le morafe, e thusa fa go tlhaelang teng mo motseng.
A re dimpho di tlaa tsisa pharologanyo le go rotloetsa baithuti go ntsha maduo a a nametsang.


Rre Ntau a re puso e tshwere phage ka mangana go thusa ba malwapa a itsholelo e e kwa tlase. O supile gore le fa puso e dira maiteko, sebe sa phiri ke tlhaelo ya madi, ka jalo mpho ya mofuta o, e amogelesega ka atla tsoo pedi.
A re thuto ke boswa jo bo sa feleng, ka jalo o kgotlhaditse baithuti go tshwara ka thata ka seo se ka ba solegela molemo mo isagong ka go ba betlela tsela ya bokamoso jo bo siameng.


Mothusa mogokgo wa sekole, Mme Lilian Mantswe a re sekole seo, ke sone sa ntlha go agwa mo Tsabong, mme se na le baithuti ba le makgolo a roba bobedi le boroba bongwe. Mme Mantswe a re dimpho tseo di tlaa tsisa pharologanyo le go neela baithuti seriti.


Mogolwane wa Lephata la Thuto Rre Lemogang Ngenda a re basimolodi ba kereke ya UCCSA ke bangwe ba ntlha go rotloetsa thuto le kago ya dikole le dipatela mo lefatsheng leno ka bophara.
Rre Ngenda a re go botlhokwa go bona banana ba mokgatlho wa YAM ba tsweledisa maitlamo a kereke.. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo dimpho

Date : 06 May 2024