Breaking News

Meletlo ya ngwao e botlhokwa - tona

06 May 2024

Meletlo ya ipelelo ngwao e botlhokwa mo go tsosoloseng le go sireletsa dingwao tsa Batswana.


 Tona wa Lephata La Banana, Bong, Metshameko le Ngwao Rre Tumiso Rakgare o buile se kwa Khawa bosheng kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa go tlotlomatsa bontlenyane jwa tlholego jwa ditotoma tsa motlhaba tse di fitlhelwang kwa motseng o, go akaretsa le maitiso a mmino le metshameko.


Tona Rakgare a re go a itumedisa go bo merafe ya Botswana e eme ka dinao go tlotlomatsa le go rekisa dingwao tsa yone.
O supile fa ngwao e le seipone se morafe o ka se dirisang go itemogang gore ke bomang.


A re meletlo e e farologanyeng e tshwana le ya Khawa Dune Challenge and Cultural Festival le o o neng o tshegeditswe bosheng wa Hika la Ngwanyana le Wayei Cultural Festival e tlotlomatsa botlhokwa jwa go itse go tshela mmogo ga merafe le ntswa ba na le dipharologanyo tsa ngwao.
A re go dira jaana ke sengwe sa tse di supang matshego a motia a kagiso e Batswana ba tshelelang mo go yone.


Rre Rakgare o ikuetse mo merafeng e e santseng e saletse kwa morago go ikitaa ka thupana go tsosolosa le go supa bontle jwa dingwao tsa bone ka go tshegetsa meletlo ya ipelelo ngwao.
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Sam Brooks o neseditse pula kgolo e moletlo wa ngwao wa Khawa o e itemogelang ngwaga le ngwaga.


Rre Brooks o akgoletse puso kemo-nokeng, a re ke selo se sentle go bona bogogi jwa lefatshe leno bo emetse ka dinao kgolo ya mohama wa bojanala ebile e rotloetsa Batswana go ipatlela botshelo ka go tsenya letsogo mo go one.
Rre Brooks o supile fa ba eletsa gore moletlo wa Khawa o nne le barotloetsi ba ba ka o thusang go gola le go feta jaaka o ntse le go nna le seabe se se bonalang mo go tlhabololeng matshelo a batho ba kgaolo ya Tsabong ka bophara.


Kgosi Piet Manyoro wa Khawa ene o kopile puso go tshela sekontere mo tseleng e gokaganyang motse wa gagwe le wa Khuis go nolofatsa mesepele ya badirisi ba yone.
A re go utlwisa botlhoko gore le ntswa Khawa a ngoka boidiidi jwa batho ngwaga le ngwaga a bo go  santse go dirisiwa tsela ya lekgarapana e a boletseng fa e sa siama ka e onaletsa batho dikoloi ka ntlha ya go tlhoka go gopiwa kgapetsa-kgapetsa.


“Tharabololo ya sennela-ruri ya seemo se se maswe sa tsela ke go e tshela sekontere. Se se ka fokoletsa le yone puso ditshenyegelo tsa go e gopa gangwe le gape,” ga tlhalosa Kgosi Manyoro.
Go sale foo, Kgosi Manyoro o lebogetse kemonokeng ya Botswana Tourism Organisation ka go akaretsa banni ba Khawa mo mererong ya tsa bojanala ka go rotloetsa moletlo wa ngwao wa motse. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : KHAWA

Event : Moletlo wa Khawa Dune Challenge

Date : 06 May 2024