Barui ba kopiwa go sireletsa leruo kgatlhanong le Mokokomalo
06 May 2024
Barui ba Tsetseng ba kgothaditswe go sirelatsa leruo la bone mo bolwetsing jwa Mokokomalo.
Mogokaganyi wa ditirelo tsa temo-thuo mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Thomas Tadubana o ne a bua le barui kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Tshoganetso Leuwe kwa Tsetseng bosheng.
Rre Tadubana o tlhalositse fa bolwetse jwa Mokokomalo (botulism) e le bongwe jwa malwetse a a ka bakang tatlhegelo e ntsi ka diruiwa di ka swa fa di sa alafiwe ka nako.
O boletse fa bolwetse joo bo tlwaelesegile thata fa go le leuba ka jaana diruiwa di tshabelelwa ke go ja marapo le matlalo a diphologolo tse di suleng.
O ne a kopa barui go potlakela go sireletsa leruo la bone kgatlhanong le bolwetse joo, segolo bogolo mo pakeng eno ya leuba e go senang phulo.
A re seruiwa se se nang le bolwetse joo se latlhegelwa ke keletso ya go ja bojang e bile se tshabelelwa ke go phuphama.
O ne gape a kopa barui go kentela leruo la bone dibokwana, a re ba ka dirisa molemo wa Ivemectin, mme ba tshwantse go dira jalo gararo mme morago ba tlodise dibeke tse tharo fa gare ga mekento eo.
A re go kentela dibokwana go thusa go babalela dijo tse seruiwa se di fulang. O ne a tswelela a kgothatsa barui go tipa leruo la bone go le sirelatsa mo dikgofeng.
O ne a rotloetsa balemi go kgaolo letlhaka la mmidi le ise a swabe go direla diruiwa tsa bone dijo.
Rre Tadubana a re ba tshwanetse go tlogela letlhaka la mmidi malatsi a le mararo morago fa ba sena go le kgaola gore le itewe ke phefo, mme morago ba le dire dingata ba bo ba le baya mo moriting gore le ome, a tlatsa ka gore le lab lab e tshwanetse ya dirwa jalo gore e seka ya tlhotlhorega.
Mo go tse dingwe, Rre Tadubana o boletse fa mangwe a maikaelelo a lenaneo la Thuo Letlotlo e le go tokafatsa thuo le boleng jwa phulo.
A re maikaeleo magolo a lone ke go fetola thuo go nna kgwebo ka jalo a rotloetsa bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi gore ba nne le seabe mo lenaneong leo.
A re lenaneo le akaretsa go rua le kgwediso ka seatla, a tlatsa ka gore bangwe ba ka ikopanya go thusa barui ka ditlamelo di tshwana jaaka go kentela leruo. O tlhalositse gore fela jaaka Temo Letlotlo, lenaneo la Thuo Letlotlo le kgaogantswe ka barui ba babotlana le ba ba itshetletseng.
Mo go la gagwe, Mopalamente Leuwe o ne a rotloetsa banni ba kgaolo ya gagwe go dirisa mananeo a tshwana le a Temo le Thuo Letlotlo le gone go tsaya madi a lenaneo la Chema Chema go godisa dikgwebo tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : TSETSENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2024