Babereki ba kgothaditswe go tsaya letsatsi la babereki ka tlhwafalo
06 May 2024
Babereki ba kgothaditswe go tsaya letsatsi la babereki ka tlhoafalo, go ipela, go itshekatsheka le go amogana maele ka diemo tsa bone tsa pereko.
Se se builwe ke mothusa mokwaledi wa khansele ya Palapye, Mme Ntlamelang Mompe kwa moletlong wa letsatsi la babereki kwa Palapye ka Laboraro.
Mme Mompe o akgotse babereki ba ba neng ba tsene moletlo oo, a re ba rotloetse le go lemotsha ba ba sa tlang botlhokwa jwa letsatsi.
A re letsatsi la babreki ke go ba fa sebaka, go lebe kwa morago go bona tse ba di kgonneng mabapi le tsa pereko, gammogo le tse di saletseng kwa morago.
Go kopana ga babereki ka makgotla a babereki a a farologaneng a re go ba fa sebaka sa gore ba tshwaragane gore lentswe la bone le utlwale.
Mme Mompe a re makgotla a babereki otlhe a lwela ditshwanelo tsa babereki gore ba lemogiwe e le badiri, ba fiwe tse di ba tshwanetseng.
A re babereki ba tshwanetse ba reediwa, ga netefatswa gore ba berekela mo diemong tse di siametseng matshelo le botsogo jwa bone.
O kaile fa babereki ba tlhoka go bereka mo mabakeng a a siameng a tsa pereko le dituelo tse di kgotsofatsang gore ba ntshe maduo.
Mothusa tautona wa lekgotla la barutabana, Rre Bakang Bagwasi o gwetlhile babereki botlhe go tshwaragana gore ba bue ka lentswe le le lengwe.
Rre Bagwasi o supile matshwenyego ka babereki ba ba tsayang letsatsi la babereki jaaka letsatsi la boitapoloso, a ba a gwetlha ba ba neng ba le kwa letsatsing leo gore ba e go bua le bakaulengwe ba bone ka mosola wa lo ne.
A re letsatsi la babereki ke nako ya gore ba kokoane e le babereki, ba bue ka matshwenyego le dilelo tsa bo ne ba itshekatsheka ba gakololana ka mabaka a pereko ka gore fa ba sa supe go kgathala ka seemo se, go dira gore maiteko a go fenya dikgang tsa bo ne a holotse.
Rre Bagwasi a re babereki ba lwa ka bo bo ne, ba lomana mo bahiring mme se, se dire gore dikgang tsa bo ne di seka tsa tsamaya sentle .
A re fa mokgotla a babereki a ka tsepama mo dikgannyeng tsa babereki ba le seopo sengwe, dilelo tsa babereki di ka rarabologa.
O kopile babereki go ikemela ka dinao ba lwele ditshwanelo tsa bo ne.
A re e le makgotla a babereki, ba santse ba lela ka dituelo tsa babereki tse a reng di butse sekgele se setona fa gare ga badiri ba ba kwa tlase le ba ba kwa godimo.
Modulasetilo wa lekgotla la babereki la National Amalgamated Local and Central Parastatal Manual Workers Union, Mme Gosiame Rramaphane a re babereki ba tshelela mo dikolotong.
Mme Rramaphane a re babereki fa ba tlogela tiro ka bogodi, ba batla tiro gape mo bangwe ba felelang ba bereka mo lenaneong la Ipelegeng
Mopalamente wa Palapye Rre Onneetse Ramogapi o akgotse babereki ba ba neng ba tsenelela letsatsi la babereki, a bolela fa go supafala fa ba bona mosola wa lo ne. O ba kgothatsa go rotloetsa ba bangwe go itse mosola wa lo ne. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Letsatsi la babereki
Date : 06 May 2024