Breaking News

Ba rotloetswa go kentela dibokwana

05 May 2024

Mo dipakeng tsa leuba jaaka mono ngwaga, leruo le tshabelelwa ke dibokwana tsa mala.
Seemo se gakadiwa ke gore seruiwa se felela se fula dirite tsa bojang ka ntata ya go tlhoka phulo.


Go tsibogela seemo se, barui ba rotloeditswe go kentela leruo dibokwana ka nako e bile ba setse mokgwa o o siameng morago.


Thotloetso e, e dirilwe ke mogokaganyi wa ditirelo tsa temo-thuo mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Thomas Tadubana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay kwa Moshaweng.


Rre Tadubana o kaile fa go le botlhokwa go sala tsamaiso ya go kentela dibokwana morago go kgaupetsa go ata ga tsone.
Mo godimo ga moo, a re barui ba tshwanetse go kentela dibokwana ka dithota go fitlhelela maduo a bonala

.
A re fa morui a kenta a le esi, dikgomo tse dingwe mo thoteng tse di nang le dibokwana di tlaa tswelela ka go di anamisa, ka jalo dikgomo tsa gagwe le tsone di amane le dibokwana mo mafulong.
Rre Tadubana o ne gape a rotloetsa barui go ntsha marole mo dikgomong ka bonako ka nako ya leuba go thusa gore bommaatso ba itshetlele.


A re dikgomo di ka amusa marole dikgwedi di ka nna tharo go ya kwa go tse nne mme morago a kgwisiwe.
O ne a supa fa go jesa leruo ka dinako tsa leuba go le botlhokwa ka go thusa go fa leruo dikotla tse bojang jo bo omileng bo senang natso.


O ne a kgothatsa barui go inaakanya le lenaneo la Thuo Letlotlo le le rotsweng bosheng.
Ka lenaneo le, a re puso e ikemiseditse go thusa barui ka tse ba di tlhokang gore e nne bagwebi ba popota ka dipoelo tse di rileng.


Mo godimo ga moo, a re puso e rotloetsa bagwebi ba ba ikemetseng go nna le seabe mo thuong.


A re dikarolwana tsa Thuo Letlotlo di akaretsa thuo ya ditlhapi, dikolobe, bommantshe le tlhabololo ya dipoo le tse dingwe fela jalo.
Mopalamente Kablay le ene o ne a rotloetsa morafe go dirisa mananeo a tshwana le la Temo Letlotlo, Thuo Letlotlo le go adima madi a letlole la Chema Chema, ga mmogo le go dirisa lenaneo la go gokelelwa motlakase mahala.
A re mananeo a diretswe go tlhabolola matshelo Batswana.


Le fa go ntse jalo, o kopile ba ba eletsang go tsaya madi mo letloleng la Chema Chema go itekanya sekoloto gore ba kgone go busa madi ao. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : MOSHAWENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 May 2024