Breaking News

Badirelapuso ba gopola Mhlanga

05 May 2024

Badirelapuso ba ne ba ipelela botshelo jwa mogaka, Mme Kelebogile Mhlanga yo e neng e le moeteledipele wa lephata la Boipelego kwa Letlhakeng.
Segopotso sa ga Mme Mhlanga se ne se tshwaretswe kwa Letlhakeng ka Labone, kwa a tlhokafetseng beke e e fetileng a direla teng.

E rile a bua ka botshelo jwa moswi, mogolwane go tswa kwa lephateng la Boipelego, Mme Segone Molapisi, a supa fa Mme Mhlanga a simolotse go berekela kwa khanseleng ya Letlhakeng ngogola ka Lwetse, mme a ne a tswa kwa kgaolong ya Chobe.

Mme Molapisi o tlhalositse gore le ntswa Mme Mhlanga a berekile lebaka le lekhutshwane le bone, o ne a setse a itshupile gore ke senatla ka a ne a batla go kgarametsa mokoa wa tiro e e neng e saletse kwa morago.
Mogolwane o supile gape fa moswi a ne a rata go ba rotloetsa go ntsha maduo mo tirong, a bo a supa fa a ne a batla go fetola selebego sa boipelego, a supa fa lephata leo batho ba le nyaditse thata ba re ke la go aba dijo fela.


O tlhalositse fa gape a ne a rotloetsa badiri ka ene go dira tiro ka tsepamo le ka tlhamalalo, gape a ne a le setswerere a batla tiro e e phepa.
Mme Molapisi o ne a tlhalosa fa boora Mhlanga ba sa latlhegelwa ba le bosi, mme go latlhegetswe le khansele le lefatshe la Botswana .

Moemedi go tswa kwa lapeng, Mme Mmatlala Mphinyane, o ne a supa fa Mme Mhlanga e ne e le motho yo o bonolo, a sa itse go rumolana, a supa gore fa mongwe a ne a ka mo rumola o ne a ka mpa a lela.
O tlhalositse gape fa e ne e se motho wa menatenyana, a ne a itse Modimo. O tlhalositse fa go le botlhoko mo go bone ka ntlha ya tatlhegelo ya morwadiabone.

Moemedi go tswa kwa khanseleng ya Letlhakeng mo lephateng la phiro, Mme Lucy Ramokgaane o tlhalositse fa Mme Mhlanga a simolotse tiro ka 1999 kwa khanseleng ya Kgatleng, a tloga a berekela kwa dikhanseleng tse di farologanyeng jaaka ya Mahalapye, Ghanzi le Chobe.

O tlhalositse fa moswi a ne a santse a ithuta kgaolo, e bile a ne a santse a tsaya maikutlo mo badiring ka ene, gore ba ka bereka jang go ntsha maduo mo tirong.
Gape o ne a setse a supile fa a ne a tshwenngwa ke go diega ga ditshekatsheko, a boa a supa gore o ne a batla gore fa ba sena go buisanya ka tiro, e dirwe ka bofefo.

O tlhalositse fa moswi a ne a batla go tswala phatlha e a neng a bona e bulegile, mme maikaelelo a gagwe a ne a kgorelediwa ke letlhoko la dikoloi.
E ne e rile a amogela baeng kwa segopotsong seo, mokwaledi wa khansele ya Letlhakeng, Rre Tsholofelo Molaodi, a supa gore le ntswa a berekile le moswi dikgwedi tse nne fela, o ne setse a itshupile fa a ka nowa moro.

Rre Molaodi o tlhalositse fa moswi a ne a filwe tiro ya go tsamaisa tiro ka Mosupologo wa beke e a tlhokafetse ka yone, mme e rile ka Laboraro mo mosong ba bo ba mo latolelwa.
Mokgothatsi go tswa kwa kerekeng ya Seventh Day Adventist, Moruti Richard Ngakantsi o ne a bala lekwalo la Dipesalema 37:23 e e reng; Dikgato tsa mosiami di laolwa ke Jehofa, mme a natefelelwa ke tsela ya gagwe.

Moruti o ne a kgothatsa Bakeresete ba ba kgelogileng go boela kwa go Jehofa, a supa fa ba tshwarisitswe bothata ke mowa wa leso mo lefatsheng leno.
O supile gape fa batho ba Letlhakeng ba le mo letshogong ba ipotsa gore a ba babalesegile.

Mokhanselara wa Khudumelapye/Sesung, Rre Osupile Metseebapile o ne a supa fa khansele e latlhegetswe ke mogaka yo o itshupileng lebaka le le khutshwane.

O tlhalositse fa lephata la Boipelego le le botlhokwa ka le thusa batho ba ba dikobo dikhutshwane ka dijo le boroko. Mme Mhlanga yo o fitlhetsweng a tlhokafetse kwa ntlong ya gagwe beke e e fetileng mme mapodisi a belaela fa a bolailwe, o bolokilwe  mo Gaborone ka Matlhatso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Merapelo

Date : 05 May 2024