Ba ipelela botshelo jwa ga Setshwantsho
05 May 2024
Banni ba Ditshegwane le metse e e mabapi gammogo le badirelapuso, ba ne ba tsene tirelo ya segopotso sa ga Mme Kakanyo Setshwantsho, yo e neng e le mongwe wa ba tlhokafetseng mo kotsing e e diragaletseng kwa borogong jwa Mamatlakala kwa Afrika Borwa pele ga malatsi a paseka.
E rile a bua ka booki jwa ga kgaitsadie, Rre Extra Setshwantsho, a tlhalosa fa ba ne ba le masome a mane le borataro ka palo mme ga falola ngwana a le mongwefela.
Moagisanyi wa ga Mme Setshwntsho, Mme Lobopo Maikano o mo kaile fa a ne a na le botho e bile a rata batho. Moemedi go tswa kwa tirong, Mme Botshelo Motoane, o tlhalositse fa Mme Setshwantsho a ne a thapiwa ke ba Department of Social Protection kwa Gaborone ka 2021.
O tlhalositse fa e rile ngogola a ne a fudusediwa kwa Ikago Rehabilitation Centre kwa Molepolole kwa a re tlogelang a direla teng. Mme Motoane o ne a supa fa mme Setshwantsho a ne a le ditshegwana, a supa fa boora Setshwantsho ba sa latlhegelwa ba le bosi. Mme Kakanyo Setshwantsho e ne e le ngwana wa bosupa e bile e le gofejane wa ga Rre Bagodi Phihadu le Mme Gakebasole Phihadu kwa kgotleng ya Tlhaping kwa Ditshegwane.
O tshotswe ka 1985 kwa Ditshegwane mme a simolola dithuto tse dipotlana kwa Ditshegwane Primary ka 1992 go tsena 1998.
O ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Mahupu JSS ka 1999 go tsena 2001. E ne ya re ka 2002 a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Matsha College mme a fetsa ka 2023.
Moswi o tlogela tsala le bana ba le babedi. O tlogela rraagwe le mmaagwe, bomogolowe ba le barataro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : DITSHEGWANE
Event : Merapelo
Date : 05 May 2024