Breaking News

Tirisiso ya ditagi e a tshwenya

02 May 2024

Tiriso ya ditagi e e ileng magoletsa e ka ama bokamoso jwa lefatshe la Botswana.

Seemo se, ga se robatse puso, ke ka moo e rotloetsang morafe go lwantsha tiriso ya ditagi.

Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Moshaweng bosheng.

A re Palamente e tsweletse ka go dira melao go gagamaletsa ba ba gwebang ka ditagi setoropo, e le tsela nngwe ya go fokotsa tiriso ya ditagi.

A re le fa go setse go na le lekalana la sepodise le le itebagantseng le twantsho tiriso ya ditagi le go gweba ka tsone, go santse go se motlhofo go tshwara bagwebi ba ditagi go ba lebisa molato.

Fa a begela morafe ka tse dingwe, Rre Kablay a re tsamaiso seka molao wa batho ba ba nang le bogole o diretswe go sireletsa ditshwanelo tsa bone.

A re mo-na-le-bogole ga a tshwanela go sotlwa, a supa fa go betsa mo-na-le-bogole e le molato ka a sa kgone go iphemela. Mopalamente a re maikaelelo ke gore mo diofising tsa balaodi, go nne le modiri yo o tlaabong itebagantse le ba-na-le-bogole fela. 

Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshaweng o ne a supa fa tsela ya Molepolole-Moshaweng e ntse lebaka e sa gopiwe seemo se a reng se ba beile ka fa mosing ka ba tsaya bontsi jwa ditlamelo kwa Molepolole.

Kgosi Maruping a re ga ba robadiwe ke bogodu jo bo ileng magoletsa jwa leruo, e bile a supa fa mapodisi a se na koloi ya go itepetepanya le seemo.

A re go tlhoka koloi go ka dira gore bosupi bo nyelele mapodise a ise a fitlhe kwa lefelong la tiragalo.

“Re sa le re bua ka kgang ya matimela. A matimela a phuthwe, go sa phutha matimela go rotloetsa borukuthi jwa bogodu jwa leruo,” Kgosi Maruping a tlhalosa.

A re diofisi tsa kgotla fa di sa le di agiwa ga di ise di baakangnwe, a supa le fa babelaelwa ba tshegediwang teng go sa jese diwelang. 

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ontiretse Ralemone o kaile fa morafe o lela ka seemo sa tsela ya Molepolole-Moshaweng

A re letlhoko le lentsi kwa sekoleng sa Moshaweng a re se tlhaelelwa ke matlwana a borutelo a le supa, a bo a tlatsa ka gore mo barutabaneng ba le 23, ba le 14 ke bone ba nang le matlo a boroko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : MOSHAWENG

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 02 May 2024