Breaking News

Mapalamelo a dikoloi tsa setshaba a butswe

02 May 2024

Banni ba Letlhakeng ba roletswe mapalamelo a dikoloi tsa setshaba semmuso ka Labobedi.

Dikago tseo, di lopile madi a a fetang P3 million, e  bile di akaretsa lefelo le dipalamo tsa setshaba di emang teng, matlwana a marekisetso le a boitiketso.

Fa a rola mapalamelo, modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Anderson Mathibe o supile fa dikago di dirilwe ka madi a kgaolo a a abetsweng mopalamente a constituency community project mme go tladitswe ka mangwe go tswa mo matloleng a farologneng jaaka letlole la ditsela.

O tlhalositse fa matlwana a boitiketso a lopile P686 556, matlwana a marekisetso P500 000, lefelo le dipalamo tsa setshaba di emang teng le matshwao a a supang gore di ya kae di lopile P1 399 650 fa dipone tsone di lopile P539 461. 89.

Rre Mathibe o tlhalositse fa ba buisana le bagwebi ba bagolwane gore ba thuse go agela bagwebi ba ba botlana metlaagana e ba tlaa rekisetsang mo go yone.

A re bagwebi ba ba botlana ba tlaa tshema tshemela mo metlaaganeng eo go itshetsa. 

Mangwe a  maikaelelo a bone, fa a tlhalosa, ke go aga mmolo mo mapalamelong mme ba santse ba buisanya le bagwebi go ba thusa ka madi.

Go dira jalo, o tlhalosa fa go ka thusa gore bajanala ba dirise madi kwa Letlhakeng segolo bogolo ka ba feta go ya kwa lefelong la bojanala la Khutse.

O rotloeditse bapalami le bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba go dirisa mapalamelo, a bo a laela ba sepodise le ba lephata la ditsela go gagamaletsa setoropo ba ba ikgatholosang go sa a dirisa.

E rile a amogela baeng kwa tirong eo, mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a supa fa go le gontle go neela morafe ditlamelo ka nako e e tshwanetseng.

Mme Pearl Kasekwa go tswa kwa lephateng la dipalamo e ne o kopile bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba go dirisa mapalamelo ka a diretswe bo ne. Are tiriso ya mapalamelo e  ka dira gore go nne le ditiro ka bangwe ba tlaa bula dikgwebo tse dipotlana teng mme ba nne le letseno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : PULO YA MAPALAMELO A DI BASE

Date : 02 May 2024