Ba gwetlhiwa go dirisa ditalente go itshetsa
02 May 2024
Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai o gwetlhile banni ba Ncojane go dirisa ditalente tsa bone jaaka go betla, go roka le poko go itshetsa.
Rre Motsamai o buile se ka Labobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ncojane, a ba gakolola go ikgolaganya le maphata a maleba go tlhatlhelelwa go nna le tshiamelo ya go ka gweba ka talente ya bone mono le kwa mafatsheng a mangwe.
Rre Motsamai o ne gape a ba rotloetsa go ipopa ditlhopha go ya ka ditalente tsa bone, go ba kgontsha go simolola dikgwebo tsa sennela ruri.
Mo go tse dingwe, o ba rotloedise go tswelela ba inaakantse le mananeo a puso a itshetso, go lwantsha lehuma mo magaeng.
Kgosi Lebogang Keakopa II, o gwetlhile morafe go somarela thuto ya go fetola maikutlo le ka fa ba dirang dilo ka teng, a bo a ba rotloetsa go tshwaragana go kgona go tlisa diphetogo tsa sennela ruri go tlhabolola matshelo a selegae.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kgomotso Baumake, o supaile fa ba itepatepantse le go akola mananeo a puso, a tlhalosa fa ba dirisetse lenaneo la Temo Letlotlo le mororo a re dipula di ne di le boutsana. A re ba kgonne go lema diekere di le 110 mo masimong a le 46. O ne a tlhalosa fa go lemetswe bomme ba le 26 le borre ba le 20.
Mo diekereng tse di lesome le metso e le lesome, a re puso e duetse P133 000 mme a supa fa dieke22re tse metso e lesome tsone di tla a duelwa ke komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Mo go tse dingwe, Mme Baumake o ne supa gape fa komiti e ne ya fiwa tiro ya go kgaola ditlhare mo tseleng ya Ncojane-Kole, sekgale sa dikhilomethara tse di ka tshwarang boferabongwe ka madi a ka tshwarang P46 800.
A re ba ne ba thapa batho ba le lesome le botlhano, mongwe le mongwe a duelwa P1 540 fa motlhokomedi le mokgwetsi wa terekere ba ne ba duelwa P2 500, mme a supa fa ba setse ka P18 697. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Motsamai, o ne a iteela komiti ya ditlhabololo legofi ka pego ya mananeo a puso ga mmogo le botlhokwa jwa tekodiso ka tiriso ya madi a setshaba.
O ne a supa fa tiro ya go agiwa ga kokelwana e sa kgaphelwa kwa ntle ka jaana, ba lephata la botsogo ba se kgakala le go tla go simolodisa semmuso kago eo.
O tlhaloseditse morafe gore puso e rebotse madi a lenaneo la ditlhabololo go simolodisa dikago di tshwana ofisi ya ga mmakaseterata le sekolo sa bobedi se se potlana kwa Charleshill.
Ka jalo, o ne a gwetlha banana go ikwadisa le ba Construction Industry Trust Fund ka lenaneo la Ipelegeng e e tlhabolotsweng, go ithuta ka tsa kago, go bona diphatlha tsa mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : NCOJANE
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 02 May 2024